Breaking News

A bogosi bo se amane le sepolotiki - Autlwetse

04 Aug 2022

Dikgosi tsa kgaolo ya ga Ngwaketse di gakolotswe go ikgapha mo sepolotiking.

Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse o gakolotse jalo mo puisanyong le bogosi jwa Bangwaketse mo phuthegong ya kgotla kwa Kanye bosheng.

O supile fa go inaakanya le polotiki go ka dira gore kgosi e felele e sa tseye batho ka go lekalekana.

Rre Autlwetse o tlhalositse gore le  ntswa go ise go diragale mo ga Ngwaketse, go setse go supagetse mo dikgaolong dingwe.

O tlhalositse gore fa kgosi e batla go tsena mo sepolotiking, e tshwanetse go ikapola bogosi pele.

 “Kgosi ke mmabatho, ke rara, o tshwanetse go tsaya batho ka go lekalekana. Ga a kake a kgona go sekisa fa a sa tsepama,” tona a tlhalosa.

A re polotiki ke selo sa nakwana, ebile se pharologanyo le bogosi ka gore maemo a bogosi ke a sennela ruri, a tlhokang go dirwa ke motho yo o tsepameng a sa tsee letlhakore lepe.

“Kgosi o tshwanetse go nna mogakolodi wa puso”.

A re Kgosi ga ya tshwanela go lebega o kare ke moganetsi wa puso. “O ka tlotlwa jang fa a itiga seriti ka go itsenya mo dipolotiking? ga botsa Tona Autlwetse.

O supile fa a tshwentswe ke kgang ya letlhoko la mokwalo, o o supang tlhatlhamo ya setilo sa bogosi mo metseng, bogolo jang fa kgosi yo o mo setilong a tlhokafala.

A re o lemogile gore ngwao e tlaa tsamaya, a supa gore ga go sa tlhole go na le neelano e e tlhamaletseng ya gore fa kgosi a tlhokafala, yo o mo tlhatlhamang a tseye setilo jaaka go tshwanetse go sena dingongorego.

“Go tshwanetse gore go nne le mokwalo o o papametseng, o ka bewang mo mabolokelong go supa gore yo o tlhatlhamang setilo ke mang fa kgosi a tlogela setilo, kgotsa a tlhokafala, gore neelano ya setilo e nne motlhofo,” a supa jalo.

A re ka fa tshwanelong morwa kgosi wa ntlha ke ene a tshwanetseng go nna kgosi, a kgalema ditiragalo tse di diragalang mo malatsing ano, tse batho bangwe ba rontshang beng ba bogosi boswa jwa go nna jalo, ka ntlha ya gore go abo go sena mokwalo o o supang tlhatlhologanyo ya bogosi.

Mo go tse dingwe, Tona Autlwetse o buile ka kgang ya dipharologanyo tse di leng teng magareng ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi le tautona wa pele, Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama.

O supile fa Tautona Masisi a lekile thata go ritibatsa kubetsano e e teng gore go nne le kutlwano fa gare ga bone, mme go santse go pala.

A re mo thulaganyong ya go leka go tsisa kutlwano, thitibalo le kagisanyo, Tautona Masisi o ile a kopa lekoko la botsadi le le neng le akaretsa Tautona wa pele, Rre Festus Mogae, Rre David Magang, Rre Ray Molomo yo sa tlholeng ale mo botshelong go thusa go ba agisanya.

Rre Autlwetse a re le fa ba sa kgona go ba agaisanya, go supile fa diphapangdi le teng, ka ntlha ya gore Lt Gen Khama a ne a sa dumalane le palo e a neng a e neetswe ya badiri ba gagwe ba ko lwapeng.

“Phapang ya bobedi, e ne e le ya go tlhoka go dumalana ka palo ya badisa ba ga tautona wa pele, ka a dumela fa palo e a e neetsweng e le ko tlase ga e a e batlang,” ga bua Rre Autlwetse.

A re phapang ya boraro, e ne e le ya gore tautona wa pele o ne a eleditse gore monnawe, Rre Tshekedi Khama a neelwe maemo a bothusa tautona, mme ga retela ka ntlha ya gore thulaganyo eo e kgatlhanong le ditsamaiso.

O boletse fa Lt. Gen Khama a ne a supa ngongorego ka ane a na le tsholofelo ya go thapiwa e le commander in chief of the armed forces, mme tona a tlhalosa fa seo se sa kgonagala ka se le kgatlhanong le ditsamaiso.

Rre Autlwetse o supile fa tautona wa pele, a ne a supa fa a ka seke a tswelele le dipuisanyo tseo ka ntlha ya gore o lemoga e kare lekoko leo le sokametse ka fa ntlheng ya ga Tautona Masisi.

O supile fa go ile ga dirwa lekoko le lengwe le le neng le tlhophilwe ke Lt Gen. Dr Khama, mme le lone la seka la atlega, ka gore Tautona Dr Masisi a ne a supa fa le tsere lotlhakore le sokametse kwa go tautona wa pele.

Rre Autlwetse o ne a kopa magosi go thusa ka megopolo ya gore go ka dirwa jang go tsisa kagiso.

Dikgosi di ne tsa ntsha megopolo ka go farologana, di supa fa tekodiso e supa fa go dirwa maiteko a mantle go agisanya tautona le tautona wa pele.

Ba re go tlhokafala gore go tsweledisiwe maiteko a o go setswe molao morago.

Dikgosi di ne tsa kopa Tona Autlwetse go leka maano a mangwe a a tshwanang le go kopa Tautona Cyril Ramaphosa wa South Africa go tsereganya.

Ba supile fa gantsi ba ikamanya le sepolotiki ka ntlha ya gore letseno la bone le ko tlase, mme ba solofetsa fa ba tlaa dira ka natla go iphapa mo sepolotiking. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : MMATHETHE

Event : Puisanyo

Date : 04 Aug 2022