Seemo sa dikotsi tsa tsela ga se jese diwelang
03 Aug 2022
Mapodise a Serowe a tlhobaediwa ke dipalo tsa dikotsi tsa tsela tse di gapang matshelo le go tlogela bangwe ka dikgobalo tse di masisi.
Dikotsi tse di tshwenya thata ka jaanong mapodise a berekana le go siana le tsone fela, ditiro tse dingwe di eme, mme modi e le lebelo le le kwa godimo go feta seelo se se beilweng, go kgweetsa ka sone mo gare ga motse.
Mogolwane wa mapodise a Serowe Superintendent Poloko Oteng o buile se mo potsolotsong bosheng, a re mo bekeng eno le mafelo a beke go diragatse dikotsi di le dintsi thata fa bangwe ba tlhokafetse mme bangwe ba bone dikgobalo tse di masisi thata.
O boletse fa ba kgweetsa ka lebelo le le fetang le le beilweng la masome a matlhano mo motseng.
A re gape bangwe ba kgweetsa ba itshietse, bosigo le maphakela.
Supt Oteng o boletse fa Serowe gape a na le leruo le le gobeyang mo gare ga motse, a tlatsa ka gore go batla bakgweetsi ba kgweeetsa ka kelotlhoko.
A re ka fa dikotsi di leng dintsi mo Serowe bakgweetsi ba tlhoka go kgweetsa ka matsetseleko le manontlhotlho.
Le fa gontse jalo dingwe tsa dikotsi tse di diragetseng bosheng ke ya monna wa dingwaga tse di masome mane le bosupa yo o neng a tlhokafala gone foo fa koloi ya gagwe e sena go menoga kwa kgotleng ya Makolo, fa ba le bararo ba a neng a na le bone ba bone dikgobalo tse di potlana.
Mo kotsing e nngwe go gobetse banna ba le babedi, wa dingwaga tse di masome mane le bongwe le wa tse di masome mane fa dikoloi tsa bone di ne di thulana.
O boletse fa kwa kgotleng ya Morongwa go bapa le sekole sa Riverside monna wa dingwaga tse di masome mararo a thudile ngwana wa dingwaga tse supa yo go bolelwang a bone dikgobalo tsedi maswe thata mme a le kwa sepateleng sa Sekgoma.
Ramapodise o boletse gape fa go nnile le dikotsi tse di maswe kwa kgotleng ya Malela le Tlhalerwana kwa bapagami ba boneng dikgobalo tse di maswe.
Rre Oteng a re ntswa mapodise ba dira maiteko otlhe jaaka go dira dikganedi tsa tsela go laola seemo, dikotsi di tsweletse di a diragala. O rotloeditse bakgweetsi go kgweetsa ba obamela melawana ya tsela gore ba tile a dikotsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 03 Aug 2022