Breaking News

Magosi a kopiwa go thusa go bona tharabololo

03 Aug 2022

Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae o tsweletse ka go kopa magosi go tla ka tharabololo ya go fedisa kubetsano le tlhokokutlwisisano e e teng fa gare ga tautona wa pele Lt Gen Dr Seretse Khama Ian Khama le Tautona Dr Mokgweetsi Masisi.

Rre Kgotla Autlwetse o buile se mo phuthegong e e a neng a kopane le magosi mo Letlhakeng ka Labobedi. Rre Autlwetse a re e re ntswa ba tsere nako go tla go itsise magosi ka kgang eo, tsotlhe di dirilwe go leka go agisanya bobedi joo.

A re fa e sale Tautona Masisi a tsena mo setilong fa Rre Khama a tswa, bobedi joo bo ntse bo itaana ka noga e tshela, seemo se a boletseng se sa siama ka jaana se ka baka dikgoberego le gone go senya ledula le lefatshe la Botswana le itsiweng ka lone.

A re go botlhokwa thata gore go batliwe tsela e kgang eo e ka rarabololwang ka yone gore tsotlhe di apare tshiamo.

Tona o ne a tlhalosa fa mo maitekong a go leka go rarabolola kgang e, Tautona Masisi o ne a tlhopha lekoko la bagolo le le neng le akaretsa Rre David Magang, tautona wa pele, Rre Festus Mogae, Rre Patrick Balopi le Rre Ray Molomo, yo o sa tlholeng a le mo botshelong.

O boletse fa lekoko leo le ne la dira gotlhe mo le ka go kgonang go kopanya bobedi joo mme ga retela. O ne a bolelela magosi fa dingwe tsa dikgang tse Rre Khama a neng sa di itumelele e le go fokodiwa ga batho ba ba apayang kwa bonnong jwa gagwe le gore a neelwe batlhokomedi ba gagwe (security) ba le lesome le botlhano mme ba botlhe ba fiwe ditlhobolo, selo se tona a reng ga se ka fa molaong.

Magosi a ne gape a utlwa fa Rre Khama a ne a batlile gore monnawe, Rre Tshekedi Khama a tlhophiwe go nna mothusa tautona. “Molao ga o letle gore tautona yo o mo setilong o ka tlhophelwa mothusi wa gagwe, ke ene a dirang jalo go ya ka fa a bonang ka teng,” tona a tlhalosa. O ne gape a bolelela magosi fa Rre Khama a ne a supa fa Tautona Masisi a sa mo direla sentle ka a ne a tshwanetse go nna moeteledipele wa masole (commander in chief).

Tona Autlwetse o ne a tswelela a tlhalosa fa e rile morago ga gore Rre Khama a tlhobogane le ba ba neng ba tlhophilwe ke Tautona Masisi go leka go ba agisanya, o ne a kopiwa gore a tlhophe ba gagwe mme a tla ka maina a ga Rre Charles Tibone, Rre Satar Dada le Rre Legwaila Legwaila mme le bone a ba tlhobosa mme morago a tla ka a mangwe gape maina e leng Rre Peter Magosi yo o eteletseng pele lephata la DIS le Rre Elias Magosi yo e leng mokwaledi mogolo wa SADC, mme le bone ya re morago a supa fa ba sekametse ntlha e le nngwe.

A re e ne ya re morago ga nna le bokopano jo borrangwaneagwe Rre Khama ba neng ba batla go kopana le Dr Masisi. O ne a supa fa mo bokopanong joo, a ne a ba bolelela gore Tautona Masisi o ka kopana le bone fela fa ba ka tla le Rre Khama ka go le botlhokwa gore kgang e buiwe botlhe ba le teng.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Moamoge Tsietso wa Sesung o ne a tlhalosa fa ledula la Botswana le tshwanetse la sirelediwa mme a kopa Rre Autlwetse go rulaganya bokopano jwa dikgosi-kgolo le ba GaMmangwato go leka go rarabolola kgang e.

Kgosi Dikaelo Tsiane wa Mantshwabisi o ne a lebogela Tona gore a bo a ba boleletse ka se se diragetseng ka ba ntse ba sa tlhaloganye gore gare ga bobedi joo go tsene eng. O ne a tlhalosa gape fa go ka nna botoka gore puso e bue le Batswana botlhe go utlwa gore bone ba akanya jang e bile tsela pedi go ka tsewa efe.

Kgosi Edwin Puleng wa Motokwe a re kgang e ka nna motlhofo fa batho ba ka tlhaloganya gore yo o tlogelang o na le ditshwanelo dife mme e bile molao o mo laoleng eng. A re ba GaMmangwato ba tshwanetse ba itse tsotlhe tse molao o di letlelelang mme fa di seyo ba seka ba dira dikgoberego go senya kagiso e Botswana a itsiweng ka yone.

Kgosi Kably Gaofore wa Ditshegwane a re puso ya Botswana ke puso ya batho ka batho, ka jalo go ka nna molemo fa e ka buisa Batswana go tsaya megopolo mo go bone go thusa go rarabolola kgang e. A re o dumela gore tauotona wa pele Rre Khama o tshwanetse go tlhaloganya ditsamaiso tsa molao le go itse tse di mo tshwanetseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego

Date : 03 Aug 2022