Breaking News

Kgosi Sekwenyane o amogetse thomo

03 Aug 2022

Kgosi ya Phitshane Molopo, Rre Odirile Sekwenyane o boleletse morafe gore o amogela thomo ya go nna moeteledipele wa bone.

O buile mafoko a mo phuthegong e e neng e tshwerwe go mo neela maemo ao kwa kgotleng ya motse o o ka Mosupologo. Kgosi Sekwenyane o lebogetse morafe go bo o supile tshepo mo go ene ka thomo e ba emo fileng.

“Ke kopa gore tsotlhe tse di diragetseng kwa morago, re tswe mo go tsone mme re gatele ko pele”.

Are se se botlhokwa ke go goga mmogo gore motse o kgone go tlhabologa, a tlatsa ka gore popagano ke yone eka dirang gore tiro ya gagwe e nne motlhofo.

O supile fa a tlaa ikaega thata ka lefoko la modimo mo tirong ya gagwe, mme a re morafe wa gagwe o tshwanetse go itse gore ke morongwa wa bone, ka jalo ba tshwanetse go phuthologa ka dinako tsotlhe, ba mo gakolole fa a sa dire sengwe sentle.

E ne e rile go le pele, Kgosi Tirontle Kgopo wa Mokgomane a bolela gore Kgosi Sekwenyane o simolola tiro e e bokete mme ba tshwanetse go mo tshegetsa.

A re go botlhokwa gore a tshwaragane le bo rangwaneagwe gore a kgone go gola ka dingwaga le tlhaloganyo.

O gakolotse Kgosi Sekwenyane gore a seka a tsaya ditshwetso ka bofefo, mme e bile a ithute go reetsa a tlatsa ka gore Kgosi ke Kgosi ka morafe le neelano.

Kgosi Kgopo a re go botlhokwa gore go nne le ledula, ba tshegetsane le Kgosi Sekwenyane go ya kwa pele, a re magosi a mangwe a teng go gakolola fa go tlhokegang teng.

Rakgadiagwe Kgosi Sekwenyane, Mme Kebodiwamang Shonga o boleletse Kgosi Sekwenyane gore a laletse modimo mo tirong ya gagwe.

A re a itse gore jaanong ke motlhanka wa morafe wa Phitshane Molopo, mme a tlotle morafe wa gagwe gore le bone ba mo tlotle.

O mo kopile gore a ikgolaganye le dikgosi tse dingwe mo kgaolong gore a kgone go ithuta mo go bone, a wela ka gore a seka ya re ka nako epe a itebatsa gore kgosi thotobolo e olelwa matlakala.

Kgosi Sekwenyane o tlaa bo a okametse le metse yotlhe ya molapo go simolola kwa Mokgomane, go ya kwa Sekhutlhane.

Kgosi Sekwenyane o ne a tsaya mo go rraagwe Kgosi Pekenene Sekwenyane, yoo tlogetseng tiro ka bogodi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : PHITSHANE MOLOPO

Event : Phuthego

Date : 03 Aug 2022