Breaking News

Lorato la ditlhare le thusa Mme Thukwi

03 Aug 2022

Mme Cecilia Thukwi wa motse wa Salajwe o tsweletse ka go akola dipoelo tse di tlisiwang ke lorato la gagwe mo temong ya ditlhare le dithunya.

Mme Thukwi o tlhaloseditse BOPA mo potsolotsong fa ditlhare di mo direla madi a go itshetsa.

 O kaile fa a godile a rata go lema ditlhare tsa mekgabisa le dithunya mme lorato leo la gola le ene e bile.

Are lelwapa le le nang le dithunya di nna le seriti le selebego se se kgathisang.

Are go lemoga fa se e ka nna tsela nngwe e a ka itshetsang ka yone, o ne a kopana le ba lephata la tlhokomelo ditlhare tsa naga mme ba mo fa dithuso.

 O ne a supa fa seo se ne sa mo betlela tsela e a sa bolong go e lora ka ba ne ba mo isa kwa dithutong tsa go lema ditlhare le tlhokomelo ya tsone mme ya re morago ba mo fa dijwalo go simolola kgwebo ya gagwe.

Mme Thukwi a re loeto lwa gagwe le ditlhare morago ga ithuthuntsho le simolotse ka ngwaga wa 2018 a supa fa  ne a simolola go rekisetsa morafe wa Salajwe le setshaba ka kakaretso bogolo jang ka nako ya ditshupo.

“Temo ya ditlhare le dithunya e batla motho a na le lorato le kelelelo mo go tsone bogolo jang fa e le gore o tla bo o gweba ka tsone,” Mme Thukwi a tlhalosa.

O supile fa maduo a ditlhare a tswa mo go reng mong wa tsone o di fa lorato jang ka go di tlhokomela.

O tlhalositse fa metswedi ya go dira madi e le mentsi mme e tlhoko gore batho ba e sale morago, a tlatsa ka gore o ne a bona gore a oketse letseno la gagwe ka go lema merogo le ditamati mme seo se mo thusa go dira madi a a botoka. O lebogetse kemo nokeng e a e fiwang ke banni ba Salajwe.

A re maikaelelo a gagwe ke go bona a okeditse tshingwana ya gagwe ya ditlhare le merogo gore a kgone go lema ditlhare ka mefuta. Mme Thukwi a re nngwe ya dikgwetho tse a kopanang le tsone ke metsi a a nosetsang ka one ka jaana tanka ya gagwe ya metsi e sale e senyegile mme a sa kgone go beeletsa metsi a pula a a ka dirisang go nosetsa ditlhare. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : SALAJWE

Event : Potsolotso

Date : 03 Aug 2022