Breaking News

BDF e atametsa tsa botsogo kwa Omaweneno

03 Aug 2022

Go itlhatlhobela malwetse go botlhokwa ka go ka thusa go  lemoga malwetse a a iphitlhileng go bona thuso le kalafi e e maleba ka nako .

Ka jalo batho ba tshwanetse go se nne maoto a tshupa fa ba lemoga go tlhoka go tsoga mo mmeleng, mme ba ikatumetse ba botsogo. Se se builwe ke Moeteledipele wa setlhopha sa tsa khiro Colonel Sam Chimbombi jaaka ba Botswana Defence Force (BDF) ba tshwaraganye le ba District Health Management Team (DHMT) ba ne ba isitse ditlamelo le ditirelo tsa botsogo kwa motseng wa Omaweneno mo Kgaolong ya Kgalagadi Borwa.

O ne a tlhalosa fa ba le mo thomong ya ga Ramasole wa lefatshe leno go thapa badiri ba basha mo Kgaolong eo go ya go ithuthuntsha go bereka e le masole. Mogolwane o boletse fa maikaelelo a bone e le go tlogela motlhala wa bone ka go dira tiro nngwe e ba ka gopolwang ka yone e e ka tlisang pharologanyo le go solegela setshaba molemo.

Colonel Chimbombi a re go na le lekalana la Corporate Social Responsibility (CSR) le ka lone ba tsenyang letsogo mo setshabeng se ba  direlang mo go sone.

O boletse fa ba BDF ba tswa kgakala ka go thusa setshaba ka ditiro tsa  bopelotlhomogi mo dikgaolong tse di farologanyeng  ka lenaneo  la bone la  CSR. 

 Colonel Chimbombi o boletse fa bosheng ba ne ba rolela modiri ka bone wa pele ntlo kwa  Struizendam mme jaanong ba thusa ka tsa botsogo mo Omaweneno. Are ba tlaa  tswelela ba dira jalo le mo dikgaolong tse dingwe. O boletse fa tiro ya bone kwa Omaweneno e tsamaile sentle ka ba kgonne go thusa balwetse ba feta makgolo a mabedi  le masome a matlhano (254).  Ba tlhatlhobetse banni matlho, meno, le ditsebe mme bangwe ba felela ba bona ngaka go ba thusa mo go tseneletseng, fa bangwe ba rometswe kwa sepateleng sa Tsabong go thusiwa  fa bangwe fa thusitswe ka melemo le dipilisi teng foo.

Colonel Chimbombi a re ba lemogile fa bontsi jwa bagodi  ba na le mathata a matlho, fa bana ba sekolo se se  botlana ba thusitswe  ba le makgolo a marataro mme bontsi ba na le mathata a ditsebe selo se nang le seabe mo go direng sentle mo dithutong tsa bone.

Mopalamente wa  Kgalagadi Borwa Rre Sam Brooks a re ka bolwetse jwa COVID-19 go lemosegile fa botsogo e le konokono mo botshelong  le gore ga go nne le ditlhabololo dipe fa setshaba se sa tsoga sentle.

Rre Brooks o ne a supa fa ditlhatlhobo tse di dirwang mo banning di tlaa ba tswela mosola a supa fa gape puso e tseela kwa godimo lenaneo la go atametsa ditirelo kwa setshabeng selo se a supileng fa ba BDF  le ba DHMT  ba se diragaditse.

Molomaganya ditirelo tsa lephata la botsogo  mo Kgaolong eo Mme Gaboelwe  Rammekwa o ne a tlhalosa fa banni ba tlhatlhobetswe malwetse a akaretsa a kutlo, pono, botsogo jwa legano le madi a matona. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : OMAWENENO

Event : Phuthego

Date : 03 Aug 2022