Breaking News

Lenaneo la Re A Nyalana le aga malapwa

02 Aug 2022

Ga go ise go gatisiwe dikgang dipe tsa tlhalano tsa manyalo a lenaneo la Re A Nyalana fa e sale le tlhamiwa ka 2013.

Mafoko a, a builwe ke mosimolodisi wa lenaneo le Mme Motshidisi Morwaagole fa go ne go nyadisiwa banyalani ba le barataro kwa kgotleng ya Makopong bosheng.

Mme Morwaagole a re go nnile le manyalo a le 6 824 mme ga go na tlhalono epe mo go one.

A re se se dirwa ke gore bontsi jwa banyalani ba tsaya kgato ba setse ba na le sebaka se se leele ba nna mmogo.

Mme Morwaagole a re lenaneo le, le direletswe banyalani ba ba kopanang le dikgwetlho tsa go ntsha magadi mme go botlhokwa gore ba kwadise manyalo a bone ka fa molaong. 

A re go tlhoka magadi ga go a tshwanela go dia nako ya go aga malwapa, a tlhalosa jalo gore bogadi ga se sekgoreletsi mo molaong wa lenyalo ka motho a kgona go tsaya setlankana sa lenyalo mme a bo a itse gore o kolota batsadi ka fa Setswaneng.

A re lenaneo la Re A Nyalana le thusa go fokotsa dikgang tse di gorogang kwa dikgotla tshekelong tsa boswa. A supa gore go atile gore boswa bo lwelwe ka baratani ba kgona go nna mmogo dingwaga ba sa nyalana mme ba ne ba kgobokantse dithoto.

Fa ba ne ba sa nyalana selo seo se kgona go tsosa dikgotlhang magareng ga fa yo o setseng le masika a yo o tlhokafetseng.

Ka jalo a re go botlhokwa gore baratani ba tseye kgato ya go nyalana fa ba sale mo botshelong mme ba kope dithuso ko lekgotleng la Re A Nyalana fa ba sena madi a go nyala. Mme Morwaagole o ne a tlhalosa fa lekgotla leo le na le babueledi ba ba thusang banyalani ba ba tsenyeng mo nyalong ka thulaganyo eo mme ba ka ba thusa ka dikgang tsa go phatlalatsa boswa ka ditlhwatlhwa tse di ko tlase.

A re gore go nne le thitibalo mo lefatsheng go simologa pele ka go nna le malwapa a a kitlanyeng mme lenyalo ke lone thito ya seo. O ne gape a gakolola gore bana ba bomme kana borre ba tsenang ka bone mo manyalong ba tshwanetse ba direlwe dipampiri tsa semolao gore ba nna le tshwanelo ya dithoto tsa batsadi ba bone ka tekatekano le bana ba ba tsholetsweng mo lenyalong go itsa diphapaang mo malwapeng.

Fa a nyadisa banyalani bao mo kgotleng, mothusa molaodi wa Tsabong, Mme Thapelo Lesolame, o tlhaloseditse banyalani ka mefuta ya manyalo e e ka fa molaong. A re manyalo a a farologana mo molaong wa Botswana mme go na le mefuta e mebedi ya manyalo e bong la morero le le tsamaisiwang ka Setswana ke batsadi le Kgosi le la kwa ga molaodi le le tsamaisiwang ke molao wa lenyalo.

O ne a ba tlhalosetsa gore banyalani ba ka itlhophela gore a ba tsena mo lenyalong la tlhakanelo dithoto kana ga ba tlhakanele dithoto, a supa gore banyalani fa ba tlhopa tlhakanelolo dithoto ba itse gore dithoto ke tsa boo babedi go sa sa kgathalasege gore o tla ka eng mo lenyalong.

A ba gakolola gore go na le manyalo a e leng gore batho ba kgona go tsena ka dithoto tse dingwe mme ba tlogelele bana tse dingwe bogolo jang ba ba kileng ba tsena mo manyalong.

A re bana ba go tsenwang ka bone mo lenyalong ba tshwanetse ba kwadisiwa ka fa molaong kwa makgotleng a semolao mme bana ba seka ba fetolwa difane fela kwa ofising ya Omang go sa dirwa tsamaiso ya go ba tsaya ka fa molaong.

Are seo se baya bana mo tshiamelong ya gore ba nne le serwe mo lenyalong leo.

Mme Lesolame a re go botlhokwa gore go salwe ditsamaiso tsotlhe tsa Setswana morago pele ga manyalo a tsisiwa ko ga molaodi le botlhe ba ba neng ba kile ba nyalwa go le pele mme ba kgaogane dithoto sentle ka gore fa go sa dirwa jalo lenyalo le kgona go emisiwa ka fa molaong.    

Mongwe wa ba ba neng ba nyalwa ka lenaneo leo Mme Amantle Motshegwa o ne a supa boitumelo.

A re o ne a tsaya kgato morago ga go utlwa ka lenaneo mo seromamoweng mme o ne botsa mokhanselara yo a neng a mo thusa ka go mo neela ditsamaiso tsotlhe a mo kopanya le ba ba maleba.

A re batho bangwe ba na le go nyefola lenaneo leo mme le botlhokwa ka le tlodisa Batswana ba le bantsi melatswana. Are go botlhokwa gore ba kope tsela mo batsading mme e re fa banyalani ba sena go kokotletsa ba bo ba ka boela ko batsading go ntsha magadi. Ka jalo o rotloeditse ba ba saletseng ko morago go kopa thuso mo Re A Nyalana.

Mokhanselara wa Draaihoek/Makopong Rre Moses Chimbombi a re lenaneo le atlegile thata mo motseng wa Makopong ka e le lekgetho la boraro le nyadisa mo motseng oo. A re ba ba tsereng kgato ba supa fa ba tlotla modimo le gone go rotloetsa go aga malwapa a a rotloetsang kgodiso ya ngwana e e nitameng ka go neela lelwapa le bana seriti. 

Kgosana wa Makopong Kgosi Obenne Matshogo o ne a rotloetsa ba ba saletseng kwa morago mme ba eletsa go nyalana go inaakanya le lenaneo leo gore ba tsaane ka fa molaong ka lenaneo.

Kgosi Matshogo o ne a kopa a bo a rotloetsa gore batsadi ba itsisewe ka thulaganyo e ya lenyalo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : MAKOPONG

Event : Nyalo

Date : 02 Aug 2022