Breaking News

Ba Gakgatla ba ipelela ngwao

02 Aug 2022

 Banana ba motse wa Gakgatla ba akgoletswe go dira ditso ka go simolodisa moletlo wa go ipelela ngwao o o didiwang Setapa sa Gakgatla ka se e le mothale wa bojanala o o ka ba tsenyetsang madi.  

Moletlo oo, o o rotloeditsweng ke University ya Botho o simolodisitswe semmuso ka matlhatso mme o tlaa nna mokete wa ngwaga le ngwaga.

Fa a bula moletlo oo semmuso Tona wa Ofisi ya ga Tautona Rre Kabo Morwaeng o akgotse banana ba motse oo go bona go le botlhokwa go simolodisa seo, ka se se tlaa sologela ba bangwe mosolola isago.

“Le simolotse go dira ditso tse di seng kana ka sepe mme ebile ga le di itirele le le nosi.”

Tona Morwaeng a re nako e tlaa tla e setshaba se tlaa itseng gore go na le letsatsi la ngwao ngwaga le ngwaga kwa motseng oo, a re o motlotlo go bo a nnile mosupi wa tshimolodiso ya letsatsi leo. Le fa go ntse jalo Rre Morwaeng a re puso e rotloetsa metlhale e e farologaneng ya bojanala mo fatsheng leno.

O ne a gatelela gore ditso tsa morafe wa Bakwena di dintsi ebile di ka ba direla letseno fa morafe wa Bakwena ba ka somarela ngwao ya bone.

Kgosi ya Gakgatla Kgosi Lenyetse Moshapa a re banana ba sekasekile gore ba ka rekisa motse wa bone jang.

Ke ka moo ba dirileng letsatsi la go ipelela ngwao, a re Bakwena ba ne ba iphitlha mo lejweng la kgabudukwi le le fa thoko ga motse, ka nako ya dintwa tsa maburu.

A re se ke ditso tse go ka ipelwang ka tsone. Rre Boswell Mpofu, mogokaganyi wa moletlo oo a re ba batla go tsosolosa mmino wa setapa le borankana ka ba godile ba fitlhela o binwa ke batsadi ba bone.

A re moletlo oo, o gabedi,  letsatsi lantlha ka labotlhano batho ba ne kampa mo lefelong le moletlo o o neng o tshwaretswe mo go lone ba itisitse.

Ka matlhatso e ne e le letsatsi la maitiso a mmino wa setswana le mabelo a dipitse.

Rre Mpofu a re maikaelelo gape ke go tsosolosa itsholelo ya motse wa bone ka gore batho ba motse ba ka itirela letseno ka go rekisa dijo kwa moletlong oo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MOLEPOLOLE

Event : Ipelelo ngwao

Date : 02 Aug 2022