Breaking News

UCCSA e na le seabe mo ditsong

02 Aug 2022

Morulaganya ditiro tsa motlobo wa ditso kwa Serowe, Rre Scobie Lekhutlile a re kereke ya Lontone ya Thataganyane, e botlhokwa mo ditsong tsa motse wa Serowe le lefatshe ka kakaretso.

O buile se ka Matlhatso kwa mogwantong o o neng o rulagantswe ke kereke ya UCCSA, go kgobokanyetsa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng le dikole dingwe tse di tlaa tlhophiwang.

Rre Lekhutlile a re erile ka ngwaga wa 1800, Kgosi Khama III a tla go nna kwa kerekeng ya Thataganyane morago ga go tlhoka kutlwisisano le rraagwe motlha wa ba nna kwa Shoshong.

A re Kgosi Khama III ke ene a neng a dira gore tumelo ya sekeresete e nne teng kwa Serowe mo baruti ba London Missionary Society ba neng ba ya go nna kwa Thataganyane.

A re kwa kerekeng ya Thathaganyane, go ne ga nna le mmelegisi wa ntlha e le wa motho mosweu a bidiwa Lady Healy.

A re ntlo lehalagala (hall) ya Thataganyane e na ya agwa e bomme ba ba itsholofetseng ba neng ba letela teng ebile batho botlhe ba ba neng ba tla e le batshabi ba ne ba nna kwa Thataganyane.

Rre Lekhutlile a re kereke eo ke motheo wa dikole ka bontsi, go fitlhela morafe o bona gore sekole se se tlaabong se tsenela koo ka nako eo, se ka bewa fa kae, a re kereke e ne e dumela gore motho ke motho fa a na le dilo tse a di tlhokang jaaka kokelwana, metsi a a phepa le dikole.

Rre Steven Baatshwana wa khamphani ya Steve N’ Lesedi Farmvilles ebile e le leloko la UCCSA e ne e le ene mogwanti mogolo.

O ne a supa fa UCCSA e le motheo wa lefatshe ka ga gona gore go ka buiwa ka go tlhabologa ga lefatshe UCCSA e tlogetswe kwa morago.

A re ba tshwanetse go ikakgola e le kereke ntateng ya boleng jwa yone mo lefatsheng mme ba tshwanetse go ikela tlhoko mo dilong tsotlhe tse ba di dirang gore tumelo ya bone e bonale e na le bokao mo setshabeng. Rre Baatshwana o ne a rotloetsa kereke ka P5 000. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : SEROWE

Event : Mogwanto

Date : 02 Aug 2022