Breaking News

Ba kopilwe go tsaya komiti tsia

02 Aug 2022

Modulasetilo wa komiti ya botsogo ya District Multi Sectorial Aids Committee (DMSAC), Mme Keneilwe Mmusi o supile maloko a komiti eo ka monwana go bo a sa tseye komiti eo ka tlhwaafalo.

Mme Mmusi o ntshitse matshwenyego ao mo phuthegong ya komiti eo kwa Tutume bosheng.

A re ke boikarabelo jwa moeteledipele wa lephata lengwe le lengwe go tsena diphuthego le go ntsha dipego ka fa ba tsweletseng ka teng ka dikgang tse di amang botsogo.

O gateletse gore maloko a gololesegile go tla ka megopolo go abelana le ba bangwe, go tokafatsa dikgang tse di ileng magoletsa mo kgaolong tsa tiriso botlhaswa ya bana ba basetsana ba ba dingwaga tse di kwa tlase le kgokgontsho ya bong.

Mme Mmusi o ne gape a ba kopa go itse se se diragalang mo maphateng a mangwe.

A re seo se tlaa dira gore ba kgone go bontsha batho kwa ba ka bonang thuso teng motlhofo, fa ba tlhoka thuso go na le go ba isa kwa le kwa.

O ba kopile go dira ba le seopo sengwe fela, go bona gore ba tsholetsa kgaolo ya Tutume le batho ba teng.

A re motho ga a tshwanelwa go dira ka go salwa morago, ka jalo mongwe le mongwe o tshwanetse a nne le maitlamo a go ntsha maduo fa a leng teng.

O ile a gwetlha maloko ao go tsibogela kgang ya go ima ga baithuti le ya kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana, a re dipalo tsa teng di gola letsatsi le letsatsi.

Mo pegong ya gagwe, ngaka kwa lephateng la botsogo la kgaolo potlana ya Tutume (DHMT), Dr John Kajikayi o boletse fa banni ba kgaolo eo ba tsere mokento wa thibelo bolwetsi jwa COVID-19 ka dipalo tse di kwa godimo.

Dr Kajikayi a re kgaolo e santse e aperwe ke dikgang tsa go ima ga baithuti bogolo jang ba dikole tse dikgolwane.

A re mo pegong ya bone ya nako e e fetileng, go dule basetsana ba le batlhano ka ntlha ya boimana. Fa gompieno go dule ba le bararo.

A re ka tshwaragano ya mapodisi le ba lephata la boipelego, ba leka go latedisa dikgang tsa go nna jalo go batla badira melato eo, sebe sa phiri ke batsadi bangwe ba ba bipang ba dira melato. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Phuthego

Date : 02 Aug 2022