Breaking News

Kgosi o lela ka seemo sa tsela ya Salajwe-Letlhakeng

02 Aug 2022

Seemo se se sa nnang sentle sa tsela e e golaganyang motse wa  Salajwe le Letlhakeng se baka tshenyo mo dipalamong tsa badirisi ba tsela eo.

Poifo ke gore ka fa tsela e, e ntseng ka teng e borai mo matshelong a batho ka e ka baka dikotsi tse di ka tsenyang matshelo a batho mo diphatsheng.

Kgosi ya motse wa Salajwe, Kgosi Moala Gaerupe o buile se mo puisanong le BOPA a supa fa tsela eo e le maswe thata segolo bogolo fa gare ga motse wa bone le wa Khudumelapye.

Ka jalo bogogi jwa motse bo itela mo go ba Lephata la Ditsela go tokafatsa seemo sa tsela eo ka bofefo jo bo kgonafalang.

Kgosi Gaerupe a re ba mo maikaelelong a go botsa mopalamente wa Kgaolo ya Takatokwane Rre Tshoganetso Leuwe gore tiego ya tsela e bakiwa ke eng ka jaana ba kokonelwa ke manokonoko a a botlhoko jwa tsela eo.

O ne a supa fa tsela e le karolo e e botlhokwa ya ditlhabololo ka e ka thusa gore motsamao wa dipalamo o tokafale mme gape ditlhabololo tse dingwe di tle mo motseng wa bone.

“Ke lemogile gore bontsi jwa badirelapuso ba tshaba go tla kwano ka gore dikoloi tsa bone di a senyega ka lebaka la seemo sa tsela, mme fa e ne e ka baakanngwa seo se ne se tla thusa thata go thofofatsa le tsone ditlamelo gore di tle kwa go bone.”

Kgosi Gaerupe a re morafe wa gagwe o babaletswe ke tsela eo ka jalo o kopa puso go tsibogela go baakanya tsela eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : SALAJWE

Event : Puisanyo

Date : 02 Aug 2022