Breaking News

Thabo Mathiba o tlhomilwe kgosi ya Mmathethe

02 Aug 2022

Rre Thabo Mathiba o tlhomilwe kgosi ya Mmathethe kwa Kgaolong ya Borwa.

Kgosi Mathiba o tsaa maemo a, morago ga loso lwa ga rraagwe, Kgosi Daniel Mathiba, yoo tlhokafetseng ka Hirikgong 2021.

Fa a laya kgosi mo phuthegong ya kgotla bosheng, moemela kgosi yo mogolwane wa kgotlakgolo ya Gangwaketse, Kgosi Kwelagobe Mookodi, o ne a lebogela morafe wa Mmathethe go bo o tlhophile kgosi le ntswa go kile ga nna le dipharologanyo.

O gateletse fa Kgosi Mathiba a beilwe mo setilong sa bogosi jwa Mmathethe, e bile a sa tswarelela ope.

Kgosi Mookodi o mo gakolotse go sala tsamaiso ya bogosi morago, a supa fa dikgosi di bereka di ikaegile ka molao, ka jalo a mo kopa go ikanya Bogosi Act, Penal Code le Customary Court Act, ka ele tsone di tlaa mo kaelang gore a kgone go busa ka botswerere. 

Kgosi Mookodi o ne gape a gakolola Kgosi Mathiba go ikanya barwa rraagwe le dikgosi tsa kgaolo ya gagwe go mo thusa go dira tiro ka manongtlhotlho.

“O na le monnao, e leng mothusi wa gago Kgosi Mosala. O dirisanye le ene ka lerato le letona ga mmogo le dikgosana tsa motse,” a kopa. O gakolotse kgosi ka botlhokwa jwa go itse fa gona le Kgosikgolo Malope II le Mothusi wa gagwe Kgosi Telekelo, ba ba tshwanetseng go tlotlwa nako tsotlhe.

“Kgakololo ya me ke gore o dire le bone ka botswerere, ga mmogo le matona a puso a a tlaa tlang a tsisa ditlhabololo mo motseng wa gago,” ga laya Kgosi Mookodi.

O tsweletse a kopa  Kgosi Mathiba go seka a ikamanya ka gope le sepolotiki, le go tlotla tiro ya gagwe, gore botlhe ba ba ka fa tlase ga gagwe ba kgone go tsaa malebela mo go ene.

“Kgosi ga a chaise. O bereka ka nako tsotlhe, a neela morafhe wa gagwe lorato,” a supa, a tlatsa ka gore, tiro ya gagwe ga se go letlanya, mme o tshwanetse go letlelela dikgosi tsa tetlanyo go dira tiro tsa bone, ene sa gagwe e ka nna go sekisa le go atlhola.

Fa a tswa la gagwe, motsadi wa motse, ebile ele mopalamente wa pele wa kgaolo ya Mmathete, Rre Peter Siele o lebogetse Kgosi Mosala ka fa a ntseng a tshwere ka teng, mo boseong jwa kgosi.

Rre Siele o ne a re go botlhokwa gore morafhe o tlhaloganye gore Kgosi Mathiba gaa tshwarelela ope. “Bogosi jwa motse wa Mmathethe bo thaega mo ntlong ya ga Kgosi Thabo Mathiba, jaaka fa a tsaa mo go rragwe jaana. Ke kopa gore go tshegediwe selo se,” a tlatsa.

Rre Siele le ene o ne a gakolola kgosi go ikaega thata ka molao, gore a kgone go dira tiro ya gagwe ka manongtlhotlho.

“Jaanong o tsena mo tseleng ee thata, e e tletseng dinokwane. Ke kopa gore o tsepame, o diragatse molao jaaka o ntse. O itshegetse, o ikantse Modimo gore o kgone go itsetsepela, o tshele dingwaga tse dintsi,” ga gakolola Rre Siele.

Fa a tswa la gagwe, Mopalamente wa pele wa Kanye, Rre Leach Tlhomelang o ne kopa Kgosi Mathiba go itshegetsa thata ka motsadi wa gagwe, ga mmogo le mosadi wa gagwe, a tlatsa ka gore o tshwanetse go itse fa a ratiwa thata ke batlhanka ba gagwe.

Fa a amogela thomo, Kgosi Mathiba o kopile mothusi wa gagwe go mo thusa go etelelela motse, a ba a kopa gore batsadi ba seka ba tshaba go mo gakolola gore a kgone go dira ka botswerere.

“Tshwaragano ke selo se setona, se sentle, se se ka re thusang go dira pharologanyo mo motseng wa rona. Jalo ke ka kgona fela ka kemo nokeng ya lona,” Kgosi Mathiba a supa.

O ne a lebogela dikgakololo tsotlhe, a re o filwe mafoko a matona a a agang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : MMATHETHE

Event : Peo ya Kgosi

Date : 02 Aug 2022