Monna o ikgapetse botshelo kwa Shakawe
01 Aug 2022
Mapodisi a Shakawe a tlhotlhomisa tirgalo e mo go yone monna wa dingwaga tse masome a mararo le bosupa a fitlhetsweng a akgega mo ntlong kwa Shakawe ka Tshipi.
Assistant Superintendent Ogolotse Tampa wa mapodisi a Shakawe o boletse mo potsolotsong gore tiragalo eo e diragaletse kwa jarateng e rre yoo a neng a thapilwe teng kwa kgotleng ya Disetlha kwa Shakawe.
Assistant Supt Tampa o tlhalositse fa rre yoo a fitlhetswe ke ntsalae a akgega mo mosong ka nako ya boferabodi morago ga gore ntsalae a nne le matshwenyego ka moswi a tlhotse a sa arabe mogala letsatsi le le fetileng.
O supile fa mapodisi a Shakawe a ne a tabogela kwa lefelong la tiragalo mme rre yo a isiwa kwa kokelwaneng ya Shakawe kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a thokafetse.
A re gole pele, ntsalae moswi o ne a begela ba sepodisi sa Shakawe ka Matlhatso ka nako ya lesome le bongwe bosigo fa ntsalae a sa arabe mogala.
Assistant Supt Tampa a re moswi, yo tlholegang kwa Samochima, o tlogetse mokwalo le ntswa mokwalo oo o sa tlhalose mabaka a go ikgapela botshelo mme o tlhalosetsa ba masika gore ba ka bona kae dithoto tsa gagwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Gumare
Event : Potsolotso
Date : 01 Aug 2022