Go bereka mmogo go ka ntsha maduo
01 Aug 2022
Mopalamente wa Kgaolo ya Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks o kgothaditse dikomiti tsa twantsho borukutlhi, mapodisi gammogo le setshaba ka kakaretso go dira mmogo ba le seopo sengwe, ka seo se ka thusa go fokotsa borukutlhi mo kgaolong eo le mo lefatsheng ka bophara.
O buile se mo letsatsing la kabo dietsele ya bolesome mo kgaolong ya Kgalagadi ya No. 9 District, e maikaelelo a yone e leng go tiisa moko ditlhopha tsa twantsho borukutlhi, tse di mo metseng e e farologanyeng.
Rre Brooks o boletse fa dietsele ba di neelwa ngwaga le ngwaga, go ba ema nokeng le go lebogela seabe sa bone mo go lwantsheng borukutlhi.
O ne a supa fa tshwaragano ya sepodisi le setshaba e le tsela e e siameng, ka jaana didirisiwa tsa sepodisi di sa lekane.
A re seo gape se kgothatsa setshaba go tswa ka methale e ka yone ba ka kgonang go epolola tsotlhe tse di bakang borukutlhi mo dikgaolwaneng tsa bone.
A re dikgosi di tsweletse ka boeteledipele le maitlamo a a bonalang mo metseng ya bone, a tlhalosa fa ba tsere boikarabelo le go nna le seabe se se kwa godimo ka go dira mmogo le dikomiti tsa twantsho borukutlhi go tlhomamisa gore maikaelelo a tsone a atlega. Mopalamente Brooks o tlhalositse fa kgaolo ya Kgalagadi e ratwa bobe ke bajanala, selo se a gwetlhileng ba-na le seabe botlhe go ema ka dinao ba tshwaragane, go fedisa poifo ya borukutlhi ka go tsenelela mananeo otlhe a a ka thusang go bo fedisa.
O boletse fa dipatlisiso di supa fa mo nakong ya gompieno, kgokgontsho ya bomme le basetsana e santse e le kgwetlho mo lefatsheng leno.
O kgadile thata borre bangwe ba ba dirang ditiro tsa bosetlhogo tsa petelelo, kgokgontsho le dikiteo tse di tsweletseng, mme a kopa setshaba go nna le seabe le go tsaya boikarabelo go tlhomamisa gore dirukutlhi di lebisiwa molato le go tseelwa dikgato tse di gagametseng.
Rre Brooks o ne a kgothatsa botlhe ba ba tla neelwang dietsele e le bafenyi, go tswelela ba dira ka natla le ka botswerere, ka go intsha setlhabelo mo twantshong borukutlhi, ka seo se ka thusa banni go tshela ba phuthologile ka thitibalo le kagiso.
Motshwarelela mookamela mapodisi a Kgalagadi Superintendent Segakolodi Gaerole o ne a tlhalosa fa dikomiti tsa twantsho borukutlhi mo kgaolong eo, di le masome a mane le boferabongwe.
A re dikomiti tsa twantsho borukutlhi di bopilwe morago ga go lemoga fa mapodisi ba ka seke ba kgone go lwantsha borukutlhi ba le bosi.
Supt Gaerole o ne a tlhalosa fa dietsele tse di tshwanetse go tshwara ngwaga le ngwaga, mme di tshwerwe la bofelo ka ngwaga wa 2019 ka lebaka la go tlhagoga ga mogare wa Corona.
O ne a supa fa dikomiti tseo di eteletswe pele ke dikgosi le dikgosana mo metseng ya bone, ka e le bone bo tshosoerweleng ka go kgalema le gone go loma mapodisi tsebe ka nako tsotlhe.
A re maitlamo a ba sepodisi ke go fedisa borukutlhi, le go tlhomamisa gore Batswana e nna tshaba e e senang borukutlhi e bile e sireletsegile, a supa fa ‘letsema le le thata ka mong wa lone.’
Supt Gaerole a re se ba se tlhokang mo setshabeng ke go tshwaraganela borukutlhi, ka go loma mapodisi tsebe, le gone go ntsha bosupi jo bo tlhokafalang ka nako tsotlhe ba sa mpampetse, ka seo se ka thusa go tlhofofatsa tiro ya bone gore dilalome di tseelwe dikgato.
Mongwe wa mabutswa pele a dikomiti tsa twantsho borukutlhi, Rre William Otlaadisang o ne a tlhalosetsa batsena moletlo o o fa a sale a ithaopile go simolola ka ngwaga wa 1984 fa dikomiti tsa twantsho borukutlhi di simolodisiwa, ka thotloetso le kemo nokeng ya Ramapodisi wa nako eo, Rre Simon Hirschfeld.
O boletse fa ka nako eo, ba ne ba gasa molaetsa ka go tlhama dipina tse di maleba tse di neng di fetisa molaetsa kwa setshabeng ka moopelo oo kgalang thata borukutlhi, mme ba dira jalo ka go phadisanela madi, a ka one ba neng ba reka dipaka tsa dikhwaere.
Rre Otlaadisang o ne a bolela fa ba ne ba tswelela jalo ka thotloetso ya bo ramapodisi ka go farologana go fitlha ka ngwaga ya 2003 fa jaanong Ramapodisi wa nako eo Commissioner Thebeyame Tsimako a ne a ba fetola gore jaanong ba simolodisa e le baithaopi ba le ditlhopha mo metseng e e farologanyeng (clusters) le lenaneo la ntebela ke go lebele go fitlha mo nakong eno.
O ne a tlatsa ka go kopa mopalamente gore a ba kopele puso go ba atswa ka seo se ka ba tiisa moko ka ba tswa kgakala ba go dira tiro e ntle ya boithaopo ya twantsho borukutlhi.
Ofisi ya sepodisi ya Kang e ne ya di goga kwa pele ka go gapa dietsele di le masome a mabedi, e longwa serota ke Tshane, ka tse di lesome le boferabobedi, ya latelwa ke Middlepits ka tse di lesome le bone, Werda ya gapa tse di lesome le bobedi, Tsabong ya latela ka tse di lesome fa ya bofelo e ne ya nna ofisi ya sepodisi ya Bokspits ka tse thataro.
Setlhogo sa letsatsi leo e ne e le Ntwa Kgatlhanong le Borukutlhi mo Setshabeng go ya Ngwageng wa 2036.” BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Kabo dietsele
Date : 01 Aug 2022