Breaking News

Bagwebi ba itumelela letsatsi la theko le thekiso

01 Aug 2022

Bagwebi ba ba botlana ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba itumeletse sebaka se ba neng ba se fiwa go bapatsa dithoto tsa bone ka letsatsi la theko le thekiso kwa Masunga ka Labotlhano.

Letsatsi leo, le ne le rulaganyeditswe bagwebi ba kgaolo eo, segolo jang ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma.

Bangwe ba BOPA e nnileng le sebaka sa go buisana le bone go utlwa maikutlo a bone le ka fa dikgwebo tsa bone di tsweletseng ka teng ba ne ba atla letsatsi leo, ba kaya fa le ba thusa go ikitsise bareki.

Ba supile  fa letsatsi le, le ba neela sebaka sa go kopana le bagwebi ba bangwe go amogana dikitso tse di ka thusang go godisa dikgwebo tsa bone.

Bagwebi ba, ba tlhalositse fa ba itumelela lenaneo leo la nyeletso lehuma, ka le ba tlodisa melatswana e tletse, ka jalo ba rotloetsa banana go inaakanya le dikgwebo ka go farologana gore ba itshetse ka tsone.

Ba re ka jaana dikgwetlho di sa nke di tlhokega mo kgwebong, fela konokono mo go tukiseng kgwebo ke bopelotelele, lorato le go nna le kgatlhego mo go tse ba di dirang.

Rre Kenosi Shimane wa dingwaga tse di masome a supa le botlhano wa Themashanga, ke mongwe wa bagwebi ba ba semeletseng mo kgwebong ya go dira ka logong.

O boletse fa a sale a inaakantse le tsa petlo mo dingwageng tsa gagwe tsa bonana, a anywa boitsaanape joo mo go moswi rraagwe. A re mo phularong ya rragwe  o ne a sala a tshwere fela jalo go fitlha jaana.

Rre Shimane o betla dilo ka go farologana tse di akaretsang dikika, metshe, megopu, meropa le dingwe tse di kgabisang, tse a boletseng a di dira ka ditlhare tse di farologaneng  jaaka morula le mokgalo.

A re o ne a thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma ka 2011, mme a reka didirisiwa dingwe tse a neng a sena tsone, tse a boletseng di thusitse kgwebo ya gagwe gore e bo e itsetsepetse e bile e dira sentle.

Mme Khaolani Phazha wa dingwaga tse di masome a marataro wa Gungwe ene o mo kgwebong ya go kgetla bojang jo bo rulelang. O thusitswe ka lenaneo la nyeletso lehuma ka ngwaga wa 2015.

A re o ne a rekelwa didirisiwa tse di kgetlang bojang, diaparo tsa itshireletso le tante, tse a tlhalositseng di mo tiisa moko go nna a ya go kgetlha bojang kwa Nata a sena sekgoreletsi sepe.

Mme Phazha o ne a t;halosa  ka fa lenaneo leo le mo ogotseng mo isong ka teng, a supa fa a kgonne go ikagela ntlo ya dikamore tse pedi ka letseno le a le bonang morago ga go rekisa bojang.

Mongwe wa bagwebi, Mme Nora Mokgethi wa dingwaga tse di masome a marataro le botlhano wa Zwenshambe, yo o mo thekisong ya ditlhare tsa maungo, meriti le tse di kgabisang  ene o thusitswe ka lenaneo la nyeletso lehuma ka fa tlase ga lephata la Dikgwa ka 2017,.

 O boletse fa kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Theko le thekiso

Date : 01 Aug 2022