Mogwebi o abetse kereke ya UCCSA
01 Aug 2022
Mogwebi, wa Omaweneno mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa Rre Kenneth Matswiri o abetse kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) P10 000 le maungo.
O ntshitse mpho eo, mo mogwantong o a neng a o eteletse pele ka Matlhatso mo Tsabong, e le tsela ya go rotloetsa kereke mo maikaelelong a yone a go tsosolosa matlotlo a yone le go thusa mo kagong ya ntlo ya kereke.
Rre Matswiri o tlhalositse fa a sa le a tsena kereke eo a sa le monnye, mme a itse letlhoko la yone, ke ka moo a boneng botlhokwa jwa go e ema nokeng gore e kgone go tlhabolola dikago tsa yone.
O supile fa e se lantlha a abela kereke eo, mme o ne a itlama go tswelela a ema nokeng.
Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo, moeteledipele wa tsa itshidilo mmele mo mogwantong oo ebile e le lesole la pele, Rre Teko Bimbo o ne a supa fa maikaelelo magolo a bone e le go kokoanya madi a ka one ba ka kgonang go dira ditiro tsa kereke.
Rre Bimbo o boletse fa go dira mogwanto gape e le go rotloetsa phuthego le setshaba kakaretso go itshidila mmele ka nako tsotlhe, go itsa go ka tsenwa ke malwetsi a a sa tshelanweng jaaka jwa sukiri, madi a matona le a mangwe.
O boletse fa kereke ya UCCSA e tswa kgakala ka ditiro tse dintle, ka e le yone e simolodisitseng tumelo mo lefatsheng leno, ka baruti ba batho basweu ba akaretsa David Livingstone yo matlotlo a gagwe a leng kwa Kolobeng le ba bangwe ba ba neng ba rotloetsa thuto le botsogo ka go aga dikole le dikokelo.
Rre Bimbo o boletse fa bo missionary ba kereke eo ba e tlhamile ka ngwaga wa 1799 go tswa kwa England, mme ya gola le go anama le mafatshe a mangwe. Mo Botswana e gorogile ka ngwaga wa 1840, ka nako eo e ne e bidiwa London Missionary Society (LMS) mme morago ya fetolwa leina go nna UCCSA.
Rre Bimbo o boletse fa madi a dithuso ba a dirisa mo matlotleng a kereke eo gongwe le gongwe fa ba leng teng.
Fa amogela baeng, modulasetilo wa kereke Mme Selinah Sethibang o ne a supa fa go na le komiti e e tsamaisang kereke, morago ga go hudusiwa ga moruti, mme ba leka ka bojotlhe gore ba tshwaragane ka lorato le gore tiro ya modimo yone e tswelele.
Mme Sethibang yo e leng mooki, o ne a supa fa letsema le le thata ka mong wa lone, ka jalo a kgothatsa phuthego go ema ka dinao go tlhagafalela go direla modimo, go ikaega ka lefoko la one ka dinako tsotlhe, ka e le one o ka ba neelang thata le nonofo le gone go ba kaela tsela ya nnete.
O ne a supa fa mongwe le mongwe a tshwanetse go tsaya boikarabelo go tlhomamisa gore tsotlhe tse a di eletsang e le ditoro mo kerekeng eo di a diragala.
Fa ntsha la gagwe, mokhanselara wa Tsabong Bokone Rre Kabelo Coetzee yo le ene e leng leloko la kereke, o ne a phophotha legetla Rre Matswiri ka tiro e ntle e a diretseng kereke.
O ne a bolela fa gape e le go supa mowa wa kutlwelo botlhoko le lorato bogolo jang ka ebile a tlholega mo kgaolong eo, mme a supa fa go le sego letsogo le le abang go na le le amogelang.
Mokhanselara Coetzee le ene o ne abela kereke P2 000.
Madi otlhe a a kokoantsweng mo mogwantong oo e ne ya nna P12 000.
Mokhanselara Coetzee o ne a gwetlha le ba bangwe go tswelela ba thusa ka se ba nang le sone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : mogwanto
Date : 01 Aug 2022