Breaking News

Ba fitlhetswe ka matlalo a ditau

31 Jul 2022

Mapodisi a Tsabong a tshegeditse banna ba le bararo go thusa ka ditlhotlhomiso morago ga go fitlhelwa ka matlalo, marapo le magata a ditau tse tharo beke e e fetileng.

Fa a bua mo potsolosong le BOPA ka Labotlhano motshwarelela ramapodisi a Tsabong, assistant superintendent Monnathebe Mphela a re borre bao  ba Tsabong, ba dingwaga  tse di fa gare ga masome a mabedi le botlhano le masome a mane le bone.

Assistant superintendent Mphela a re borre bao, ba tshwerwe mo Tsabong ka matlalo a ditau tse tharo, marapo le magata a mararo a tsone morago ga go lomiwa tsebe.

Are morago ga go amogela pego ba ne ba ragogela kwa lefelong leo mme ba fitlhela banna bao mo koloing ya bone, ba ba phuruphutsha mme  ba fitlhela matlalo a mararo a ditau, marapo le magata.

O tlhalositse gore go belaesega fa banna bao ba tsomile ditau tseo, mme ditlhotlhomiso di santse di simologa ka ga go ise go sedimosege sentle gore ba ne ba ya go dira eng ka matlalo ao, a a sekolotsweng ka botswerere, ga mmogo le marapo le magata a tsone.

A re ke la ntlha mapodisi a Tsabong a gatisa tiragalo ya mofuta oo mono ngwaga, mme fa banna bao ba ka bonwa molato, ba ka atlholwa P5 000 mongwe le mongwe wa bone mo godimo ga moo, ba atlholelwe dingwaga tse tlhano mo kgolegelong.

Assistant Superintendent Mphela o kopile Batswana ka kakaretso gore ba emise go ganyaola diphologolo, a re ke makgabisa naga, letlotlo la dikokomane tse di tlaa tlang, ka jalo go le botlhokwa go di somarela.

O tladitse ka gore diphologolo di thusa go ngoka bajanala mo kgaolong ya Kgalagadi. O boletse fa go na le thulaganyo e e ka fa molaong ya gore fa go bulelwa letsomo banni ba iteke lesego ka nako ya raffle gore ba tsome phologolo ka fa molaong.

E re lentswa go ntse jalo, a re ba sepodisi ba ikopantse le maphata a mangwe a puso go disa melelwane go itsa gore borukutlhi.

O supile fa go na le ditirisanyo fa gare ga mafatshe go lwantsha borukutlhi jo bo fa gare ga mafatshe go salwa morago ditsamaiso tsotlhe tse di maleba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 31 Jul 2022