Breaking News

Banni ba atla Botswana Speaks

31 Jul 2022

Banni ba Serowe le metse e e mo tikologong ba amogetse tiriso ya maranyane go ikgolaganya le mapalamente a bone go ba fa megopolo, dikopo le dingongora go na le go emela diphuthego tsa dikgotla.

Ba supile se morago ga go lebelela mo maranyaneng tshimolodiso ya Botswana Speaks, e tiro ya teng e neng e tshwerwe kwa Gaborone e bo e anamisiwa mo mafelong ka go farolagana ka Labone.

Kgolagano ya mofuta o, ba re e botlhokwa ka ba tlaa buisana le mapalamente ha ba ba tlhoka. Mothusa motshwarelela kgosi ya Bangwato, Kgosi Serogola Seretse kwa kgotleng kgolo ya Gammangwato o lebogetse maiteko a go isa palamente kwa morafeng mme a kopa gore ba bogosi ba dirise maranyane ka keletlhoko fa ba bua le mapolotoki e sere gongwe ba iphitlhela ba itsentse mo mathateng.

Kgosi Seretse o lebogetse tiriso ya maranyane a bolela fa ditshedimoso tse batlhophi ba tla bong ba di batla kwa mapalamenteng di tla diragatswa ka bofefo.

Rre Moses Monthe go tswa kwa kgotleng ya Sekgwana kwa Serowe ebile ele modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse o lebogetse kgolagano ya morafe le mapalamente ka tiriso ya maranyane, mme a supa fa sebe sa phiri e le gore go buiwa sekgoa se setona se se sa utlwiweng ke bontsi jwa bagodi.

Rre Monthe o boletse fa bontsi jwa bagodi bo sena maranyane.

Mme Babuluki Ramosi yo eleng leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa kgotleng ya Metsimasweu kwa Serowe o boletse fa lenaneo le le dirilweng le le botlhokwa, a re ba ntse ba latela ditirelo kgakala kwa diofising mme tiriso ya maranyane e tlhohohatsa dilo.

A re lenaneo le tla ba thusa go neela mapalamente a bone megopolo, dingongora le dikgakololo ka bofefo. Kgosi ya kgotla ya Kgope kwa Serowe, Rre Omphile Motsokono o iteetse legofi tiriso ya maranyane go golagana le mapalamente a re seo, se tlaa ba khutshwafaletsa matsapa a go ya go tlala kwa kgotleng ba latela mopalamente kgotsa mokhanselara, a tlatsa ka gore ba ba sa kgonang go ya kwa kgotleng ba tlaa akola mo maranyaneng.

Mokwaledi kwa ofising ya mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Justice Motlhabane, o boletse fa ba tsweletse ba kwadisa batho. Ba ba senang maranayane a email ba kopilwe go tla kwa diofising tsa mapalamente wa Serowe Borwa le Bophirima, go tla go thusiwa go tsena mo maranyaneng.

Mme Kamogelo Omponye, mokwaledi kwa ofising ya bopalamente wa Serowe Bophirima o boletse fa batlhophi ba gololesegile go tla go kopa go thusiwa go tsenya tse ba batlang ba di direlwa ke mopalamentewa bone mme dikarabo di bo di nna gaufi. O rotloeditse dikgosi le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go anamisa molaetsa wa Botswana Speaks. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Phuthego

Date : 31 Jul 2022