Breaking News

Go bapatsa kgwebo ka maranyane go na le poelo

31 Jul 2022

Kgaolo ya Bokone Botlhaba e satswa go rulaganya letsatsi la theko le thekiso la bagwebi ba ba botlana ba kgaolo eo, bogolo jang ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma.

Letsatsi le, le lejwa le le botlhokwa thata ka le neela bagwebi sebaka sa go bapatsa dithoto tsa bone le go kopana le ba bangwe go abelana maele a go tsamaisa dikgwebo.

Letsatsi leo, le ne le tshwerwe kwa Masunga kgwedi eno e le masome a mabedi le boferabongwe, ka fa tlase ga setlhogo se se reng: Go Godisa Dikgwebo Tse Di Potlana Ka Ipapatso Ya Maranyane.

Mo mafokong a gagwe a kgothatso, mogwebi wa ditlhare le phiriso ya ditante kwa Masunga, Mme Kushatha Mosienyane o ne a gatelela botlhokwa jwa go bapatsa kgwebo ka tiriso ya maranyane.

A re e sale a dirisa maranyane o itemogela kgolo mo kgwebong ya gagwe tsatsi le letsatsi, ka a kgona go ikgolaganya le go thologelwa ke bareki ba ba tswang kwa mafelong a a farologaneng ba sena go bona ditirelo tsa gagwe mo maranyaneng.

A re mo godimo ga moo maranyane a boloka nako le go fokotsa tiriso ya dipampiri.

Le fa go ntse jalo, Mme Mosienyane o ne a gakolola bagwebi go ikela tlhoko mo manweenweeng a a dirisang maranyane ka maikaelelo a go amoga batho di-tsa bone.

A ba gakolola go seke ba anamisa dilo di tshwana dinomoro tsa Omang le tsa dibanka mo maranyaneng.

Mme Mosienyane o simolotse kgwebo ya gagwe ya thekiso ya ditlhare tsa maungo le meriti ka 2014 ntle le thuso epe, mme moragonyana a e atolosa ka go akaretsa phiriso ya ditante le mekgabisa.

Ka moo, o ne a gwetlha bagwebi go seke ba ikaega ka kgwebo e le nngwe fela, a bo a ba kopa gore ba itome melomo ya tlase ka maikaelelo a go godisa dikgwebo tsa bone.

Modiri mo ofising ya ga molaodi a lebagane le tsa ditlhabololo tsa kgaolo, Mme Omphile Mogorosi o boletse fa maikaelelo a letsatsi leo, e le go supa dithoto tsa bagwebi, bogolo jang ba ba thusitsweng ka lenaneo la puso la nyeletso lehuma.

Mme Mogorosi a re gape ke go leka go ba tsomela mebaraka le go rotloetsa setshaba go reka dithoto tsa bone gore dikgwebo tsa bone di kgone go gola le go itshetlela.

Le ene fela jalo o ne a supa fa tiriso ya maranyane e ka fetola ka fa dikgwebo tsa bone di golang ka teng, a re go itshetlela ga dikgwebo go mo maruding a bone.

Ka jalo a re ba dire gotlhe go tlhomamisa gore go ya pele ba kgona go ikemela le go ipatlela mebaraka ga mmogo le go phadisana le dikgwebo tse dingwe tse di ikemetseng.

Mme Mogorosi a re ba ikaelela go tshegetsa letsatsi leo la theko le thekiso ka go le amogana mo metseng yotlhe ya kgaolo.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Masunga, Rre Edward Gazageni o ne a gakolola bagwebi bao go inaakanya le lenaneo la thuto ga- e golelwe, a re ke lengwe le le ka ba neelang lesedi lengwe la go tsamaisa le go godisa dikgwebo tsa bone.

Mokhanselara Gazageni a re go gola ga dikgwebo tsa bone go ka thusa go tlhamela ba bangwe ditiro, mme seo se thuse go fokotsa palo ya ba ba letileng go thusiwa ka lenaneo leo la nyeletso lehuma. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Phuthego

Date : 31 Jul 2022