Khansele e simolodisa lenaneo la go phutha dikoloto
31 Jul 2022
Khansele ya Selebi Phikwe, e e kolotiwang madi a fetang P2.9m, e semeletse go phutha dikoloto gore e kgone go tlhabolola matshelo.
Bontsi jwa dikoloto tseo ke melala ya madi a ditirelo tsa khansele, e e itsegeng ka ‘service levy’. Khansele ya re e simolodisitse letsholo la ‘Collect 23’ mo kgaolong ya Selebi Phikwe Bophirima go rotloetsa banni go duela P23 wa ditirelo tsa khansele kgwedi le kgwedi.
Fa a simolodisa letsholo leo kwa kgaolong eo ka Labone, Ratoropo, Rre Lucas Modimana a re fa banni ba ka duela, khansele e ka kgona go tlhabolola toropo le go fetola matshelo.
Rre Modimana a re khansele e bone go le botlhokwa go simolodisa letsholo leo, go tlhofofaletsa banni ba Selebi Phikwe dituelo tsa kgwedi le kgwedi tsa ditirelo, gore ba seka ba nna le melala.
A re ba gwetlhilwe ke gore bontsi ja batho ba amilwe ke manokonoko a bolwetse ja COVID-19, ka jalo go duela P23 kgwedi le kgwedi go tla dira gore go nne motlhofo mo go bone.
O tlhalositse fa khansele e tlaa isa ba ba phuthang madi gaufi, gore banni ba seka ba bolawa ke mosepele wa go ya ko diofising tsa khansele kgwedi le kgwedi.
Mo godimo ga seo, Ratoropo o ba kopile go dirisanya sentle le kompone e thapilweng ke khansele go phutha dikoloto tsa ditirelo, a ba rotloetsa gore ba tswelele ka go kgaola dikoloto tsa bone.
A re ka ngwaga, kgaolo ya Selebi Phikwe Bophirima e ka direla khansele madi a kanang ka P529 000, a a ka thusang go fetola matshelo a batho mo toropong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Phuthego
Date : 31 Jul 2022