Breaking News

Molao ga o tlolwe - mogolwane

28 Jul 2022

Dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse wa Moiyabana di rotloeditswe go ikaega ka molao- motheo ka nako tshotlhe.

Kgosi Mokopakhumo Kgomokgwana wa Moiyabana o buile mafoko a kwa ithutontshong ya dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse oo, tse e leng gone di tlhophiwang bosheng.

Kgosi Kgomokgwana a re maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ke barongwa, ka jalo morongwa o tshwanetse ya bo e le motho yo o ikanyegang e bile a na le boammaaruri.

O tlhalositse fa dikomiti di tshwanetse  tsa sala molao morago ka e le one konokono e e tsamaisang sengwe le sengwe, a tlatsa ka go re fa motho a tlola molao o a bo a dule mo tseleng, ka jalo sengwe le sengwe se ka senyega.

 Mme Mose Chedzi go tswa kwa ofising ya babueledi mo khanseleng-potlana ya Serowe o ne a tlhalosa fa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di lemogwa ka fa molaong ka di dira tiro ya puso.

O ne a tlhalosa fa ba tshwentswe ke batho ba ba tsenang mo dikomiting tse ka maikaelelo a go dira komiti sepalamelo sa bone mo dipolotiking.

A re gantsi se, se felela se tsala dikgotlhang fa gare ga leloko le mokhanselara. 

Mme Chedzi o ne a tlhagisa setshaba fa makhanselara, dikgosi, baemela dikgosi le dikgosana e le maloko a a sa tlhophiweng a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, ka jalo ba tshwanetse go berekisana le dikomiti sentle.

O ne a tlhalosa gape gore dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di tshwanetse go itse fa di filwe boikarabelo jo bo fetang jwa mongwe le mongwe mo motseng, ka jalo ba tshwanetse go bereka ka boammaruri e bile ba tsamaya ka fa molao o batlang ka teng.

A re mongwe le mongwe yo o direlang mo ofising ya puso o tlamega go direla dilo mo pontsheng go itsa dikgotlhang kgotsa tshenyesto setshaba.

Mme Chedzi a re go na le dilo dingwe tse di lebelelwang pele ga motho a ka fiwa boikarabelo jwa go direla setshaba mo komiting.

A re motho yo o batlwang ke makgotla a ditsheko mabapi le dikoloto, ga a a tshwanela go nna karolo ya komiti.

Mo go tse dingwe, Mme Chedzi a re e re le ntswa fa mongwe a ka tlhophiwa ke batho go tsena mo komiting, khansele e na le thata ya go ka ntsha motho mo komiting.

A re lengwe la mabaka a a ka dirang gore khansele e feleletse e go kwaletse lekwalo go supa fa e go ntsha mo tirong e ka nna go tlhoka go tsena diphuthego tsa komiti di le tharo ka go tlhomagana. 

Mme Chedzi o ne a kopa maloko a a batlang go tswa mo komiting ka bogabone go fa komiti malatsi a le masome mararo pele ga ba ka tswa mo tirong.

A re se se direlelwa gore ba fe baduladitilo nako ya go rulaganya dipego tsa bone le gore ba itsese khansele.

O ne a gakolola dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go itse fa di itlamile go berekela setshaba, e bile e le matlho le ditsebe tsa puso mo metseng ya bone, ka jalo ba ikgaphe mo go sa tleng tirong kana go tsaya malatsi a boikhutso a maleele  go sena mabaka ape a a pateletsang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Patricia Speakson

Location : SEROWE

Event : Ithutontsho

Date : 28 Jul 2022