Breaking News

Tshwaragano ya Botlhe e botlhokwa

28 Jul 2022

Tshwaragano ya Lephata la Botsogo le ba-na-le seabe e botlhokwa mo twantshong le thibelo ya bolwetse jwa letshoroma.

Mogokgo wa sekole se segolwane sa Maunatlala, Rre Kebame Montwedi o buile jaana kwa phuthegong ya go sekaseka letsholo le le fetileng la go gasa molemo wa montsana la metse ya Lerala, Maunatlala le Mogapi, kwa Lerala ka Labobedi.

A re bolwetse jo mo Botswana bo simolola fa gare ga Phalane le Motsheganong ka nako ya dipula.

O supile fa District Health Management Team (DHMT) e ne ya rutuntsha bogogi jwa Lerala le Maunatlala ka lenaneno la Community Acting Together to Eliminate Malaria (CATTEM) le le tlhalosiwang ka Setswana go twe, morafe o dira mmogo go nyeletsa Malaria ka go nonotsha bokgoni jwa beng gae.

Rre Montwedi a re go arogana kitso le morafe, go thusitse gore le bone ba lemoge botlhokwa jwa botsogo, ba itse gore go mo maruding a bone go itlhokomela.

A re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a eme ka dinao, go lwantsha le go thibela Malaria ka se se thusa go somarela matshelo.

Rre Montwedi a re e le bogogi jwa Larala, Maunatlala le Mogapi, ba itlamile go ema nokeng ntwa ya go lwantsha le go nyeletsa Malaria mo kgaolong.

A re ngwaga o o fetileng ba Serowe/Palapye DHMT ba ne ba ya go tsaya malebela kwa kgaolong ya Bobirwa gore motho ka nosi o ka tsaya karolo go lwantsha Malaria jang, a tlatsa ka go re mosepele o, o nnile le maduo a a supang kwelo tlase ya dipalo tsa Malaria.

A re gore lekgotla la botsogo la World Health Organisation le rurifatse fa Botswana a se na Malaria go tshwanetse ga bo se na dipego le dintsho tse di tlhagogileng mo Botswana mo lobakeng lwa dingwaga tse tharo di tlhomagane.

Setlhogo sa monongwaga sa: Cattlepost as Malaria Hotspots, What Do We Do, e ne e le go leka go fitlhelela mafelo a a thata le go iwa, mo ntweng kgatlhanong le Malaria.

A re ka gore Malaria a ka thibelwa, dintsho tsa bolwetsi jo ga di amogelesege, ke ka moo lephata la botsogo ka DHMT le tlhagafaletseng go tswa ka maano a masha a go lwantsha Malaria.

Rre Montwedi a re ba itemogetse gore Lerala, Maunatlala le Mogapi di gaufi le dikgaolo tsa Malaria tsa Bobirwa, Limpopo kwa Afrika Borwa le molelwane wa Martins Drift o bakgweetsi ba diteraka tse di tswang mo mafatsheng a SADC ba tsenang ka kgoro ya one mme se, se dire gore kgaolo e angwe ke Malaria.

A re bokopano jo ke go tla go sekaseka se se dirilweng ka paka ya Malaria le go re go ka tokafadiwa fa kae go amogana dikitso le go tswa ka maano a masha.

O supile fa ngwaga wa 2021/2022, kgaolo e gatisitse kgang tsa Malaria di le lesome le motso le leso le lengwefela fa tse di boferangbongwe di tswa kwa mafatsheng a a mabapi.

Babereki le baithaopi ba ba neng ba le mo letsholong la go gasa molemo o o kobang montsana ba ne ba abelwa ditlankana tsa go dira sentle fa motse wa Lerala o ne wa gapa kopi e e ntseng e le mo diatleng tsa Maunatlala dingwaga tse pedi ka go latelelana.

Mogolwane wa tsa tikologo, Mme Kelebogile Bathai a re ditlhopha tse di neng di gasa molemo wa montsana mo matlong, di ne di bereka ka natla go ya ka maduo a go wela tlase ga Malaria.

Mme Bathai a re le fa go na le bangwe ba ba ganang matlo a bone a gasiwa molemo, go dira jalo go ba baya mo diphatseng gammogo le ba ba bapileng le bone.

O ne a ba tlhalosetsa gore matlowa a fiwa fela ba ba sa gasediwang matlo jaaka batsetsi mme e bile a dirisiwa mo dingwageng tse tharo.

A re ba solofetse gore e tlaa re Lwetse go nne le letsholo la go aba matlowa mo kgaolong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LERALA

Event : Phuthego

Date : 28 Jul 2022