Breaking News

Mapodisi ba tlhagisa setshaba

27 Jul 2022

Mapodisi a Moshupa a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome matlhano a fitlhetsweng a kokobetse mo metsing kwa nokeng ya Mosope kwa Moshupa ka Matlhatso.

Mapodisi ba ne ba ragogela kwa lefelo la ditiragalo ka Labone morago ga gore mokapelo wa gagwe a bege fa rre yoo a wetse mo nokeng.

Mogolwane wa mapodisi a Moshupa, Superintendent David Ramoseki a re mokapelo wa moswi yo o dingwaga di masome mararo le boferabobedi a re e rile ba feta fa nokeng monna yoo a mmolelela gore o kare o ka tsena mo nokeng mme ba tsena botlhe kwa morago a ntsha wa mme a bo a ela ruri.

Supt Ramoseki a re ntswa tiragalo e e diragetse ka Labone tshokologo ka nako ya bone, pego yone e gorogile kwa mapodising ka Matlhatso ka nako ya lesome le bongwe mo mosong.

Mo-tswa setlhabelo go bolelwa e le monna wa kgotla ya Senthumole kwa Moshupa fa mokapelo ene a tswa mo kgotleng ya Marumo gone kwa Moshupa. A re serepa se kwa kokelong ya Kanye se letetse go tlhatlhojwa ke dingaka.

Rre Ramoseki a re dikgang tsa metsi di a tshwenya, ka jalo a gakolola Batswana go iphapha mo go one ka jaana a le borai.

A re fa motho a lebile metsi ka matlho ga a kake a itse gore a boteng go kae.   

E ntse e le kwa Moshupa mapodisi ba tshegeditse lekawana la dingwaga tse di masome mabedi le bobedi go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le loso lwa lekawana la dingwaga tse di masome mabedi le borataro la kgotla ya Mogaung le le tlhabilweng ka sengwe se se bogale.

Supt Ramoseki a re mapodisi ba ne ba e begwelwa ke lekawana la dingwaga tse di masome mabedi ka nako ya masome a mararo morago ga nako ya bongwe mo mosong le supa fa ba ne ba tswa maitisong.

O boletse fa serepa sa lekawana le se isitswe kwa kokelong ya Marina kwa Gaborone go tlhatlhojwa ke dingaka, a re ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.

Supt Ramoseki a re ka Mosupologo mo mosong mapodisi ba ba neng ba dikologa motse go lekola seemo a ne a utlwa modumo wa sengwe se thunya.

A re mapodsi ba ba neng ba na le masole ba ne ba ragogela kwa modumong o utlwalang teng mme ba fitlhela go thunya motshine wa banka wa motobetso (ATM) wa First National Bank Botswana o o fa lebentleng la Choppies ya Kgosing ya Moshupa.

Supt Ramoseki a re mapodisi ao le masole ba ne ba leletsa ba banka ya First National Bank Botswana  mme ga fitlhelwa go sa tsewa sepe fa ba-dira molato bone ba ne ba inaya naga ba le babedi.

O boletse fa go ise go tshwarwe ope mabapi le tiragalo e.

E re dikgang di eme jalo, Supt Ramoseki o boletse fa go na le kgang e e tshwenyang ya batho ba ba atleng ba sele mephuthwalwana ba bo ba kopa ba ba gaufi go re ba itiketse ba kgaogane madi a teng kwa morago ba tseelwe dilo di tshwana difouone le dikarata tsa banka.

O kopile Batswana go ikgapha mo dilong tse, a re gape batho ba tshwanetse go itse gore fa o gapile madi kwa Orange ga o kake wa kopiwa nomore ya sephiri go na le ka fa o ka neelwang madi a gago ka teng.

A re batho ba tshwanetse go itse gore nomore ya banka ke sephiri se se sa tshwanelang go itsewe ke ope, ka jalo ba lese gore fa batho ba ba leleditse ba re ba ikgapetse madi ba bo ba dumela go twe ba tsenye nomore ya bone ya Orange Money.

A re mo tiragalong e nngwe e e diragetseng kgwedi eno e le masome mabedi le bone Rre wa dingwaga tse di masome marataro le boferabobedi wa kgotla ya Maunatlala kwa Moshupa o ne a bega fa a fitlhetse go epolotswe mogala wa motlakase kwa madirelong a gagwe.

Supt Ramoseki a re mogala o epolotswe ke bangwe ba ba sa itseweng mme o lopa  P380 a bo a re mapodisi ba kgonne go o bona kwa kgotleng ya Mogaung teng kwa Moshupa.

Go tshegeditswe banna ba le babedi mabapi le tiragalo eo.

A re mongwe wa banna ba o dingwaga di masome a mararo le botlhano mme ke wa kgotla ya Mogaung fa wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi e le wa kgotla ya Rungwana.

Kwa Kanye mapodisi a Sejelo ba tlhotlhomisa tiragalo e mong wa selaga nngwe kwa kgotleng yoora Motlhala a fitlhetseng madirelo a   gagwe a thubilwe ga bo ga utswiwa didirisiwa tse di lopang P54 000 ka Tshipi bosigo.

Mogolwane wa mapodisi a Sejelo, Superintendent Mogomotsi Matlapeng o kopile mo potsolotsong le BOPA ka Mosupologo gore beng ba dikgwebo ba thape badisa dikago, a bo a kopa setshaba gore se seka sa reka dithoto tse ba senang bosupi jwa gore di tswa kae e bile di sena sesupo.

A re go reka dilo tsa go nna jalo ke molato o motho a ka o sekelang.

O kopile Batswana go loma mapodisi a a gaufi le bone tsebe fa ba bona mongwe a rekisa dilwana tse di belaetsang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : MOSHUPA

Event : Phuthego

Date : 27 Jul 2022