Breaking News

Letsema le thata ka mong wa lone - Basebi

26 Jul 2022

Bagodi ba diretse lefatshe leno ka botswapelo, ka jalo go botlhokwa go ba tlhokomela e le ntlha nngwe ya go lebogela seabe sa bone mo go tlhabololeng lefatshe.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Botshabelo Bophirima kwa Selebi Phikwe, Rre Mmopiemang Basebi o buile jaana bosheng fa a ne a abela bagodi ba Botshabelo ditilo tse di masome matlhano gore fa ba ile go amogela madi a bogodi ba kgone go huba maoto.

A re o gwetlhilwe ke go bona bagodi ba eme ka dinao mo mmileng, bogolo jang ka nako ya fa ba tsaya dikatso tsa bagodi. 

O tlhalositse fa ditilo tse di tlaa thusa gore ba nne fa fatshe ba santse ba emetse go thusiwa. 

O kopile banni ba toropo ya Selebi Phikwe le dikhamphani ka go farologana go nna le seabe mo go lemogeng botlhokwa jwa bagodi le go thusa go ba tlamela gore ba tswelele ka go akola ditlamelo tse puso e di ba direlang.

Rre Basebi yo o setseng a kile a abela bagodi ditilo tse ba tlaa di dirisang kwa kokelwaneng ya Botshabelo, a re go botlhokwa go lebogela seabe sa motsadi a santse a tshedile. 

Mo go tse dingwe a re kgaolwana ya gagwe e tsweletse ka go phepafatsa mo malwapeng le mo mebileng mme a rotloetsa batho go emisa go gasagasa matlakala.

A re ka thuso ya ba moepo wa BCL o kgonne go ntsha matlakala a a neng a tshetswe mo sekgweng gore tikologo e nne phepa mme a kopa banni ba Botshabelo go thusa mapodisi ka go ela tlhoko gore ga go na ope yo o tlang go latlhela leswe fa ba nnang teng. 

O itsesitse morafe gape fa khansele e tlaa baakanya dipone tsa mo mekgwatheng e bo e tsenye tse dingwe ka lenaneo la madi a dikgaolo tsa botlhophi mo toropong yotlhe.

A re tsela e e itsegeng ka leina la Kobe kwa Botshabelo le yone e tlaa alwa ditena mo ngwageng wa madi o o tlang.

Rre Basebi a re tse tsotlhe di tla thusa go tokafatsa matshelo a banni ba Selebi Phikwe. 

A re fa go sena dipone sentle, magodu a kgona go utswa motlhofo mme dipone tse di tlaa thusa go oketsa pabalesego ya batho le dithoto tsa bone ga mmogo le go hema borukutlhi bope fela jo bo ka diragalang bosigo.

Rre Basebi o bile a abela ditlhopha tsa kgwele ya dinao dibolo go ba kgothatsa go tswelela ba itshetsa ka mpho ya bone. 

A re puso e rotloetsa gore banana, bogolo jang ba itshetse ka ditalente tsa bone ga mmogo le go tlhama mebereko go thapa bangwe ka bone.

O rotloeditse banana go inaakanya le mananeo go itlhabolola le go tlhabolola toropo e e kileng ya welwa ke seru fa moepo wa BCL o tswalwa. 

Rre Basebi a re letsema le le thata ka mong wa lone, ka jalo a rotloetsa banni ba Selebi Phikwe go tsenya letsogo mo go tlhabololeng toropo. Phelelo

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Selibi Phikwe

Event : Potsolotso

Date : 26 Jul 2022