Breaking News

Bagwebi ba babotlana ba kgothetse

25 Jul 2022

Bagwebi ba babotlana ba kgaolo ya Kgatleng ba rotloeditswe go atumetsa ditlamelo le mebaraka ka go farologanakwa bathong.

Fa a bua kwa pulong semmuso ya ditshupo tsa dinkgo tsa Sekgatla kwa motlobong wa ditso wa Phuthadikobo bosheng, mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule o ba kgothaditse gore ba dirise go nna gaufi le toropo kgolo Gaborone e le one monyetla wa go bapatsa di-tsa bone segaufi.

O kaile fa banni ba Kgatleng, bogolo jang banana, ba na le bokgoni jwa go fetola matshelo a bone ka ditiro tsa diatla.

Rre Pule, yo gape e leng mothusa tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, o rotloeditse bagwebi go tsaya malebela mo go ba mafatshe a mangwe, a re go dira jalo go ka ba thusa go gola le go phadisanya le bagwebi ba bangwe.

A re go somarela le go ikgantsha ka ngwao ya Sekgatla go botlhokwa, a tlatsa ka go re go ipelela bogwera le bojale ngwaga le ngwaga, e ka nna sengwe sa dilo tse di ka dirwang go godisa le go somarela ngwao.

O ne gape a rotloetsa babetli le bataki go dira ditshwantsho tsa maemo a a kwa godimo  le go rekisa ka ditlhwatlhwa tse di lekanetseng.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya Kgatleng District Intangible Cultural Heritage, Kgosi Segale Lentswe, o supile fa maikaelelo e le go tlhomamisa gore karolwana ya go bopa dinkgwana tsa Sekgatla e tswelela e le teng ka go e fetisetsa kwa baithuting ba le masome mabedi.

A re maikaelelo a mangwe ke go dira dipatlisiso ka tiriso ya dinkgwana le meila, ga mmogo le go lemoga le go sireletsa mafelo a a amanang le karolwana e mo dikgweding di le lesome le bobedi.

Fa a afa maele mabapi le tsa thekiso, mogwebi mo kgaolong ya Kgatleng, Rre Moemedi Senwelo o ne a re nngwe ya ditsela tsa go ngoka bareki ke go bapatsa mo maranyaneng a tshwana le Facebook.

Rre Senwelo a re go botlhokwa go tsena dikgaisanyo ka go farologana le go ipapatsa mo mebarakeng lefatshe ka bophara. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : MOCHUDI

Event : Pulo semmuso

Date : 25 Jul 2022