Breaking News

Mokhanselara Villander o bolokilwe

25 Jul 2022

Batho go tswa mo Botswana le Afrika Borwa ba ne ba tshologile boora Villander mokgosi ka Matlhatso go boloka mokhanselara yo o itlhophetsweng wa khansele ya Kgalagadi, Mme Rachel Villander.

Fa a tshedisa lelwapa leo, mothusa tona wa Lephata la tsa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Talitha Monnakgotla o ne a re lelwapa leo le ntshitse moeteledipele wa mme wa motia mme ga ba a latlhegelwa ba le nosi, go latlhegetswe batho ba kgaolo ya Kgalagadi Borwa le phathi ya Domkraga kwa a nnileng le seabe se setona mo go tlhomeng mapalamente a pele a kgaolo eo.

A re moswi o dirile ka sebaka e le mokhanselara yo o itlhophetsweng mo kgaolong ya Kgalagadi mme o supile bonatla le botswerere mo digwageng tsa 2004 le 2009.

Bothakga jwa gagwe jwa sepolotiki bo ne gape jwa dira gore a busediwe mo khanseleng ka 2019 kwa a tlhokafalang a direla teng.

A re Mme Villander o tlaa gakologelwa ka bonatla jwa go tlhabolola Botswana e le moemedi wa lekgotla la kabo ditsha.

O ne a le mo dikomiting tse di farologanyeng tsa makalana a khansele tse a dirileng ka bokgabane mo go tsone.

A re o ne a na le tebelopele, e bile e le motho yo o eleletsang setshaba katlego.

Moeteledipele wa khansele-potlana ya Tsabong, Rre Jimmy Mackenzie a re khansele e latlhegetswe ke moemedi yo o neng a humile dikitso tsa sepolotiki ka o simolotse loeto lwa sepolotiki ka 1982.

A re Mme Villander o ne a inaakantse le ditiro tsa boithaopo mo setshabeng, ka jalo o ne a itiretse motlhala wa go dira bomolemo.

A re o tlhokafala e le mokhanselara yo o itlhophetsweng ka a ne a itshegetse tema e ntle ya go tsenya baeteledipele ba kgaolo eo mo maemong mme ene a sa ipatle mo maemong ka a ise a emele ditlhopho.

O kaile Mme Villander e ne e le modulasetilo wa komiti ya SHHA a dira ka bokgabane gore batho botlhe ba ba neng ba tsere lenaneo la SHHA ba feleletse matlo a bone.

O ne a tlhalosa gore seo e nnile phitlhelelo e tona ya khansele.

A re Mma Villander o ne a le pelokgale ka a ne a bua a sa oshaoshe ka dikgang tsa lefatshe, a bua a kanotse sehuba, ka jalo seo sa dira gore badirelapuso ba taboge thata ba diragatse tse di kopilweng.

Rre Mackenzie a re Mme Villander o tlhokafala jaana a ne a eme ka dinao a tsentse tshutiso ya gore melelwane ya kgaolo eo e bulwe morago ga go tswalwa ka mabaka a go laola kanamo ya bolwetsi jwa COVID-19.

A re Mme Villander gape o ne a eme ka dinao go bona gore mmoshara wa sepatela sa Tsabong o a bereka go thusa banni ba kgaolo eo.

Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa pele wa kgaolo eo, Rre Mock Ntau o ne a re Mme Villander o ne a dira ditiro tsotlhe tsa selegae ka botswapelo, e le motho yo o tsepameng a sa iphitlhe ka monwana fa a sa rate sengwe, gape a le pelotheri,

Modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi, Rre Hendricks Jacobs o lebogetse boeteledipele jwa ga Mme Villander, a mo tlhalosa e ne le moeteledipele wa mmakgonthe yo o amileng matshelo a batho ba le bantsi.

A re o ne a eteletse maloko a Domkraga pele, ka jalo go botlhokwa gore maloko a tsweledise fa a tlogetseng teng.

Mo boemong jwa Umbrella for Democratic Change, mokhanselara wa Draaihoek/Makopong,

Rre Moses Chimbombi o ne a re Mme Villander e ne e le moeteledipele wa motia yo o neng a seke a tsena mo tirong a sa rulaganya sentle.

Fa a ne a batla go diragatsa sengwe mo khanseleng o ne a leletsa le makhanselara a kganetso go kopa kemo-nokeng.

A re moswi o ne a beela sephathi kwa thoko fa a tsena kwa khanseleng mme a itsalanye le makhanselara otlhe le a kganetso tota gore a tle a kgone go diragatsa se a se batlang.

Mooki wa gagwe Mme Diana Kaartze a re moswi e ne e le motlobo wa ditso tsa botshelo, ka a ne a nosetsa matshelo a batho.

A re o okile moswi le bana ba gagwe mo nakong e khutshwane mme o tlhokafetse morago ga go dirwa loaro.

Moemedi wa lesika go tswa Kurumane kwa Afrika Borwa, Rre Kadimo Setshogela o ne a supa bonatla le botlhaga jwa moswi mo mererong ya tsa selegae ka a ne a tsaya karolo ka dinako tsotlhe go nyadisa le go rarabolola dikgotlhang mo malwapeng.

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Phitlho

Date : 25 Jul 2022