Bangwe ba tshwerwe ka nama ya kukama
25 Jul 2022
Mapodisi a Tsabong a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone ba fitlhetseng nama e go belaesegang e le ya dikukama mo lelwapeng lengwe kwa Omaweneno.
Fa a bua mo potsolosong le BOPA, motshwaralela mookamela mapodisi a Tsabong, Assistant Superintendent Monnathebe Mphela a re mapodisi ba ne ba longwa tsebe, ba ragogela kwa motseng oo mme ba feta ba phuruputsa ba fitlhela nama e go lebegang e le ya dikukama tse go belaesegang di ka nna tlhano ka palo.
Motshwarelela mookamela mapodisi o boletse fa monna wa dingwaga tse di masome marataro le boferabongwe a ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le tiragalo eo fa babelaelwa ba le babedi bone ba ne ba inaya naga mme mapodisi ba santse ba le mo patlong ya bone.
O boletse fa e tlaa re mo bogaufing fa ba bangwe ba ka bonwa ba isiswe fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata go lebisiwa molato o ba ka o atlholelwang madi a a sa feteng P5 000 gammogo le go kiba dingwaga mo kgolegelong.
O gakolotse Batswana go emisa mokgwa wa go ganyaola diphologolo tsa naga ka di na le seabe se se ntsi mo itsholelong ya lefatshe sa go oka bajanala le gore dikokomane tse di tlang di tlaa fitlhela naga e le kgologolo.
Assistant Superintendent Mphela a re ka malatsi a ga Tautona ba ne ba itemogela dikgang tsa go thujwa ga marekisetso, medumo, dintwa le dititeo fa batho ba tswa maitisong mme a supa fa ba eme ka dinao go tseela botlhe ba ba dirileng melato eo dikgato.
Mo dikgannyeng tse dingwe motshwarelela mookamela mapodisi a Werda, Inspector Itireleng Zulu o boletse fa mapodisi ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone banna ba le batlhano ba fitlhetsweng ka nama ya dikgaka tse pedi le mathinthinyane morago ga go longwa tsebe ke bangwe.
A re babelaelwa ba ba dingwaga tse di magareng ga masome mabedi le bone go ya kwa go tse di masome mararo le botlhano ba tlholega kwa Bray.
A re fa ba ka bonwa molato ba ka atlholwa madi a a sa feteng P3 000 kana dingwaga mo kgolegelong.
Ditlhotlhomiso tsa mapodisi di sa ntse di tsweletse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 25 Jul 2022