Magolegwa a ithuta ka boeteledipele jwa Sekeresete
25 Jul 2022
Ntswa kgolegelo e bopa motho sesha, go tsalwa sesha mo Modimong ke konokono ka tumelo e ka tshegetsa motho fa a kopana le dikgwetlho fa a sena go gololwa.
Kwa ntle ga tumelo, bangwe ba ka felela ba iphitlhela ba boetse mo kgolegelong, mme fa motho a sokologile o ka falola ka botlhale jwa Modimo.
Mothusa mogolwane mo Lephateng la Dikgolegelo le Popo Sesha ya Magolegwa, Assistant Commissioner Montle Ponatshego o buile jaana kwa moletlong wa pulo semmuso ya dithuto tsa go tlhatlhelela magolegwa ka boeteledipele jwa Sekeresete le popo sesha ka Labone kwa kgolegelong ya Mahalapye ba kopanetse tiro e le ba Kgolagano College.
Assistant Commissioner Ponatshego a re maikaelelo a dithuto tse ke go leka go sokolola magolegwa.
A re ba semeletse e le ba dikgolegelo ba leka go ruta magolegwa ka maele a gore ba ka itshetsa jang fa ba setse ba dule mo dikgolegelong.
O tlhalositse gore fa magolegwa mangwe a ne a kile a bona dithuto tsa go nna jaana pele ga ba tsena ka kgolegelo, ba kabo ba se fa ba leng teng.
“Re batla gore thuto e ya rona re e bone e wetse mo mmung o o siameng.
Mo Baebeleng ga twe, gore o tle o tshele o tshwanetse gore o swe pele, jaaka le le kwano le sule, mme rona re a le nosetsa gore le tlhoge le phophome e re le tswa fa a bo le phatsima,” a gatelela.
A re magolegwa ba ya go kopana le dikgolo mme fa ba sa lebise mathata a bone kwa Modimong ba tsile go boela mo leganong la leruarua.
Assist Commissioner Ponatshego o ne a rotloetsa magolegwa gore ba ikamogele gore setshaba se tle se ba amogele.
Fa a ntsha bopaki ka dithuto tsa boeteledipele jwa Sekeresete tse a neng a di tseneletse ka nako ya a le mo kgolegelong, Rre Kenanao Tumedi a re dithuto tse di mosolegetse molemo thata ka mo nakong ya gompieno botshelo jwa gagwe bo betlegile.
Rre Tumedi a re fa a le mo kgolegelong ka 2011 go tsena 2014 o ne a ipotsa gore o ka dira eng fa a tswa mo teng, mme a tlelwa ke mogopolo wa go itirela kgwebo e potlana ya go rekisa merogo, a tlhalosa gore o na le khamphani mo nakong ya gompieno
A re o ne a ineela mo go Keresete fa a ntse a le kwa kgolegelong mme botshelo jwa gagwe jwa fetoga.
E rile a gololwa a tswelela a tsena kereke.
Rre Tumedi o dirisitse dithuto tse a di ithutileng kwa kgolegelong go tswelela a gola mo go tsa tumelo.
O ne a gakolola magolegwa gore dithuto tse ba di anywang ba itse gore ba ka di dirisa gongwe le gongwe mo botshelong jwa bone, a tlatsa ka go re ba itshware sentle ka gore boitsholo jwa motho ke jone jo bo ka mmuelelang mo go ba bangwe.
“Ga go motlhofo kwa ntle jaaka batho ba bua, mme go nna motlhofo fa o le mo go Keresete,” ga bua Rre Tumedi.
Rre Fana Rebabedi, yo o santseng a le mo kgolegelong, o ntshitse bopaki jwa dithuto tse a re fa motho a di tsaya ka tlhoafalo di na le thata ya go mo ntsha mo dilong tse di bosula.
A re ene o kgonne go itsenya sekole a dira Diploma in Business Administration a ntse a le mo kgolegelong, mme a re o na le keletso ya go di tsweledisa.
Rre Rebabedi o ne a ithuta gore moeteledipele ke mongwe le mongwe.
“Rotlhe re ka etelela batho pele fa re na le tlhotlheletso ya Modimo.
Moeteledipele wa tsa tumelo, Superintendent Dikeledi Khutsafalo a re e le ba dikgolegelo ba na le maikarabelo a go ruta ba ba mo kgolegelong gore morago ga go gololwa ba tle ba tshele sentle mo setshabeng.
A re go mo go bone go ba ruta ka tsa boeteledipele, go fetola ka fa batho ba ntseng ba dira dilo ka teng le go ba ruta ka Modimo.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onkarabile Moeng
Location : MAHALAPYE
Event : Moletlo
Date : 25 Jul 2022