Breaking News

Ba tshwenngwa ke megala e e seng ya boammaaruri

24 Jul 2022

 Ba maphata a thuso e e faphegileng ya potlako-Emergency Medical Services ba re ba tshwenngwa ke bangwe ba ba leletsang megala ya bone ba itira e kare ba kopa thuso ya potlako ntswa ba sa bue boammaaruri.

Ba supile fa batho ba ba leletsang mesokelatsebeng ya bone ba kgona go bua lefelo lengwe ba supa fa go na le kotsi e e masisi, molelo kana dikgobalo, ba thuso ya potlako ba tabogele teng mme ba fitlhele dipego tseo e se tsa nnete.

Ba buile se kwa bokopanong jo bo neng bo tshwerwe ke ba kgaolwana ya Serowe/Palapye ya botsogo kgotsa le ba-na-le seabe mo go tsa thuso ya potlako e e faphegileng mo Serowe ka Labone.

Mogolwane go tswa mo go ba thuso e e faphegileng ya potlako mo Serowe, Rre Raul Phuthego o ne a re seemo se sa megala e e seng ya boammaaruri se a tshwenya ka tiro ya bone ya go fa setshaba ditlamelo tsa potlako e kgoreletsega.

A re mo dinakong tse dingwe ba kgona go ya kwa lefelong ba bo ba fitlhela go sena tiragalo epe ntswa go na le golo gongwe kwa go tlhokafalang thuso ya potlako teng kwa ba kabong ba ile teng go sireletsa matshelo a batho.

A re batho bangwe ba felela ba latlhegelwa ke matshelo ntateng ya go kgarakgatshiwa ke bangwe ba ba leletsang megala ba sa fe dipego tsa boammaaruri.

Rre Phuthego o ne a supa fa go na le megala mengwe e ba e amogelang e le ya ba ba itlwaeditseng go nna ba letsa nako tsotlhe ba kopa thuso ya potlako ntswa go se na yo o tlhokang thuso eo.

Ka jalo o ne a kopa mapodisi go ba thusa go tshwara manweenwee a mme ba ba tseele dikgato.

Rre Imi Macheke go tswa kwa ofising ya ditima molelo kwa Palapye le ene o ne a supa fa kgang ya megala ya batho ba ba kopang dithuso tsa potlako e le ntsi le kwa lephateng la gagwe e bile e sa ba robatse a ba a supa fa e tswa kgakala e ntse e le teng.

A re bangwe ba felela ba tlhokafala fa bangwe ba felela ba senyegelwa ke dithoto ntateng ya megala eo, ka jalo molao o tshwanetse o itebaganye le bone ba tseelwe dikgato tse di maleba.

Mogolwane wa mapodisi mo kgaolong-potlana ya Serowe, Superintendent Poloko Oteng o ne a supa fa e le boammaaruri go na le bangwe ba ba tshamekisang ba thuso e e faphegileng ya potlako mme mapodisi ba tlaa itepatepanya le bone, ba ba tseele dikgato tse di maleba.

A re mo malatsing ano megala ya yo o letsang e a supa mo megaleng ya bone mme ba tlaa e tsaya ba bo ba ba lebisa melato. 

A re mapodisi a tlaa ba lebisa melato eo ba lebile gore ba dirile eng ka mo dinakong tse dingwe motho yo o kabong a bone thuso a felela a tlhokafetse go ilwe go sele.

Maikaelelo a bokopano joo e ne e le go tsibosa ba-na-le seabe ka tshimolodiso ya ba ba fang thuso e e faphegileng ya potlako mo Serowe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenuyane

Location : SEROWE

Event : Bo bokopano

Date : 24 Jul 2022