Breaking News

Ba abetse baithuti ba Tsholofelo ditlamelo tsa sesetsana

24 Jul 2022

 Baithuti ba ngwaga wa 1993 ba sekole se sebotlana sa Tsholofelo ba abetse baithuti ba sekole seo mephuthelwana ya mesangwana ya basetsana e le 561.

E rile a amogela dimpho tseo mo Gaborone ka Labotlhano, Mogokgo Reginah Matshaba a tlhalosa fa ba itumeletse dimpho tse ka di tlaa thusa basetsana gore ba tsene sekole sentle go sena se se ba itayang tsebe.

Mme Matshaba o kaile fa baithuti ba ba pele, ba dira bokao jo bo siameng mo go bomonnaabone ka ba ba ruta mowa o montle wa go aba.

 A re setlhopha se sa baithuti ba pele, se na le maikaelelo a go godisa thuto mo Botswana ka e bile e se la ntlha ba thusa sekole se.

O kaile gape fa go le botlhokwa go ikgata motlhala mo botshelong ka go gopola kwa o tswang teng, le go lemoga modi o o ba godisitseng jaaka sekole sa Tsholofelo.

Fa a tlhalosa maikaelelo a setlhopha, mongwe wa baithuti ba pele, Dr Tshekiso Molokwane, a re ke go leka go rotloetsa baithuti go tlhagafalela dithuto.

Dr Molokwane o ne a tlhalosa fa go na le letlhoko le le ntsi la mesangwana ya basetsana mo lefatsheng ka bophara, selo se se felelang se baka gore basetsana ba seka ba tsena dikole sentle fa ba le mo setswalong.

A re ka jalo go aba mesangwana e, ke tsela nngwe ya go thusa bana gore ba kgone go tsena sekole ba phuthulogile.

O ne a gakolola baithuti ka botlhokwa jwa go ithuta le go nna sekao mo setshabeng, a gatelela thata mo baneng ba basetsana gore ba tshwanetse go itlama go itse gore ba batla eng mo botshelong.

Dr Molokwane a re mosola wa go nna le maitlamo mo dithutong go tlaa ba thusa go fitlhelela ditoro tsa bone mme le bone ba tsoge e le batho bangwe mo setshabeng.

Setlhopha se se supile fa se tlaa tswelela se thusa sekole sa bone ka se sigile tema e ntle mo matshelong a maloko a sone ka bangwe e le bagwebi, dingaka, barutabana, ba maranyane le tse dingwe fela jalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Wren

Location : GABORONE

Event : Kabo dimpho

Date : 24 Jul 2022