Breaking News

Setlhopha se thata ka neelano

24 Jul 2022

Komiti ya Boipelego Dam Group kwa Bonwapitse e gakolotswe go ela tlhoko maloko a a batlang go reediwa e bile go tsewa megopolo ya bone fela ka ba ka koafatsa setlhopha.

Mekgwa e e sa eletsegeng mo malokong ke go tlhoka kelelelo le tebelopele e bile se, e ka nna sekgoreletsi mo go goleng ga mokgatlho, le gone go tlhokisa mokgatho seriti. 

Mogolwane wa Agri-business wa kgaolo ya Legare Rre Malaki Bowane o  buile jaana ka Labone kwa Bonwapitse a rutuntsha komiti e ya maloko a le 84, ka maele a go bereka mmogo le mekgwa e e sa letlelesegeng mo setlhopheng.

O ne a ba ruta gape ka dikgotlhang le gore di ka rarabololwa jang, go ikgapha mo go gogomogeng maikutlo le gore batho ba ka utlwana jang mo setlhopheng.

A re leloko le le ratang go bonwa ga le ke le dira sepe se se tsisang maduo mo setlhopheng, e bile motho wa go nna jalo o dia setlhopha go tswelela.

“Leloko le le tsietsang e bile le itsewe ka boferefere ga le a siamela mokgatlho ka gore le dia kgolo ka lebaka la gore o ikgagapelela dilo tsotlhe. 

Motho yo o manganga e bile a le dikgoka ga a eletsege mo setlhopheng  ka gore o dia nako. 

Komiti e tshwanetse ya ela tlhoko batho ba ba buetseng ruri le ba ba ratang makgamu ka gore a a lotlhanya e bile a ka phatlalatsa setlhopha,” a tlhalosa.

Rre Bowane o gakolotse komiti go ela tlhoko maloko a a senyang kagiso e bile a rata go batlela batho ba bangwe diphoso, a re batho bao ba ka thuba mokgatlho ka gore ba baka dikgothang.

O supile mokgwa wa go rata go iphemela le go gana dikgakolo o le borai, fa motho yo o senang tirisano mmogo  e bile a itseela ditshwetso a le nosi a ka phatlalatsa setlhopha .

O gakolotse komiti fa maloko a setlhopha a sa tshwanela go tshwarana diphiri ka gore di a thuba, mme a ba gakolola go baya tsotlhe tse ba di dumalanang mo mokwalong gore go nne le bosupi jwa dilo tsotlhe tse di dirwang mo mokgatlhong go itsa dikgogakgogano, ditsheko le tshenyo ya ditsompelo tsa mokgatho.

O boletse fa go sa tshwanela go nna le kgethololo ya letso le mmala le semorafe ka gore e ka senyaka kutlwano mo gare ga setlhopha, a ba gakolola go amogela merafe yotlhe gore go nne le tshwaragano le tomagano.

O rotloeditse maloko go amogela bokgoni le bokoa jwa ba bangwe.

Ka dikgotlhang, Rre Bowane o tlhalositse fa go tlhoka kutlwisisanyo gantsi go bakwa ke go tlhoka tumalano, therisano le semorafe, ka jalo a gakolola komiti go kopana ka nako ditsotlhe fa ba na le megopolo e ba batlang go e isa kwa malokong ba rerisana pele ga ba isa pego kwa malokong a ba a eteletseng pele.

A re fa go na le diphoso go tshwanetse ga kgalengwa ka bofefo go itsa dikgotlhang le di ngongora.

Modulasetilo wa Boipelego Dam Group, Rre Fraizer Motaneko o ne a re go rutuntsha komiti pele e simolola tiro go e tiisa moko, go e fa botsipa jo bo tseneletseng go godisa mokgatlho.

O tlhalositse fa komiti e e tlhophilweng bosheng e amogetse dithuto go tswa kwa Lephateng la Agri-business go ba baakanyetsa go simolola tiro sentle ba tlhaloganya boikarabelo jwa bone.

A re tsamaiso ke gore ba tlhophe komiti mo dingwageng tse pedi.

Modulasetilo o tlhalositse fa Boipelego Dam Group e godile, a re ka jalo ba tlhoka baeteledipele ba ba nang le tebelopele.

 O gakolotse komiti go tsaya dithuto ka tlhoafalo gore setlhopha se gole.

Rre Motaneko o gakolotse komiti go nna boikanyego mo setlhopheng.

Mogolwane wa Agri-business mo kgaolong ya Mahalapye, Mme Annah Lephalo o akgoletse setlhopha sa Boipelego Dam  go bereka ka natla le ntswa ba ntsha madi mo dipateng tsa bone gore tiro e tswelele.

A re o lebogela setlhopha gore ntswa se lebanywe ke dikgwetlho se tshwaraganye.

Mme Lephalo o boletse fa go tlhophiwa  go nna moeteledipele go supa gore o na le bokgoni le boikanyego, ka jalo go tshwanetse ga nna le maduo mo maemong ka gore tlhopho e supa fa komiti e le matlho a setshaba.

O gakolotse komiti go busa phetolo ka nako ditsotlhe mabapi le tsotlhe tse ba di rongwang ke maloko a setlhopha, ka jalo ba tshwanetse ba itse ba bo ba tlhaloganya ditiro tsa bone le maemo sentle.

Mme Lephalo o gakolotse komiti go tshwaragana, go tlotla ba ba ba eteletseng pele gore setlhopha se gole.

O ba gakolotse gore ba tshwanetse go nna le tebelopele gore mokgatho o ka tlhabololwa jang.

Mothusa modulasetilo Rre Ignatius Tsebekgale a re ba na le keletso ya go dira se ba ka itshetsang ka sone e le mokgatlho, ka jalo ba tlaa tshwaragana le molemisi ba bo ba begela maloko se ba se rutilweng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Fati

Location : BONWAPITSE

Event :

Date : 24 Jul 2022