Mophato wa Maakathata o bolotse
24 Jul 2022
Kgosi Malope II wa ga Ngwaketse o boleletse mophato wa Maakathata, o o eteletsweng pele ke Tebogo Makaba, fa jaanong e le borre ba tshwanelwa ke go supa ka ditiro.
Kgosi o buile jaana fa a bolotsa mophato wa Maakathata wa ba ba tshotsweng ka 1981 go tsena ka 1985, ka Matlhatso kwa Kanye.
O ne a supa fa a tlhophile leina Maakathata a lebile gore lefatshe le tswa mo dipakeng tse di thata jaaka COVID-19, tlhwatlhwa ya botshelo e e ileng kwa godimo ga mmogo le dintwa tse di tsweletseng mo lefatsheng.
Kgosi Malope o supile fa leina le, le se lesha mo ditsong tsa ga Ngwaketse, ka jaana mophato wa 1864 o ne wa bidiwa ka lone.
Makaba o tlaa nna le bathusi ba le babedi, mme boraro jo bo tlaa etelela pele ditiro tsa Maakathata.
Moemela Kgosi wa Mokgomane, Kgosi Tirontle Kgopo o tlhalositse fa mophato e le tsela nngwe ya go aga borre ba ba nang le maikarabelo mo setshabeng.
Ka Sengwaketse, gantsi mophato o farologanngwa ka dingwaga tse tlhano mme o fiwe leina go lebeletswe ditiragalo tsa nako eo.
“Ke fela jaaka o bona kgosikgolo a file mophato wa gompieno leina a lebile ditiragalo tsa gompieno mo lefatsheng,” ga tlhalosa Kgosi Kgopo.
A re Mophato o tlaa tshwanelwa ke go tshwaraganela ditiro tsa Setswana le bagolo mo dikgotlaneng.
“Ba tshwanelwa ke go dibela ngwao le go tsaya karolo mo go ageng setshaba se se nang le boikarabelo,” Kgosi Kgopo a tlhalosa.
E rile a ntsha la gagwe, moemedi wa lekgotla la National AIDS & Health Promotion Agency (NAHPA), Rre Nonofho Leteane a supa fa borre ba le maoto a tshupa go emela botsogo jwa bone ka dinao, a re gongwe seo se ka tswa se dirwa ke tumelo ya gore rre ke motho yo o thata.
O supile gore mophato o tshwanetse go nna le seabe mo go thuseng puso mo maikaelelong a gore botsogo jwa setshaba bo lolame.
“Maikaelelo a rona ke gore ka 2030, HIV e be e sa tlhole e tshwenya thata, re kgonne go e lwantsha, mme re tlhoka lona borre ka ke lona le saletseng kwa morago,” a tswelela.
O ne a kopa mophato go lwantsha kgokgontsho ya bong, e a tlhalositseng fa e ile magoletsa mo Botswana.
“A re emeng ka dinao re le borre ba ga Ngwaketse gore merafe e mengwe e tle go tsaya malebela mo go rona,” ga tlatsa Rre Leteane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thato Modiakgotla
Location : KANYE
Event : Kgosi o bolatsa mophato
Date : 24 Jul 2022