Ba Kavimba ba latedisa ditso tsa bone kwa Boteti
21 Jul 2022
Go ne go dubegile, lerole le kgama mokodue, mogolokwane o tserema kwa Rakops bosheng jaaka morafe wa BaVeekuhane oo itsegeng thata ka Basubiya go tswa Kavimba kwa Chobe, ba ne ba latedisitse ditso tsa bone kwa Rakops.
Bomme le borre ba mmino wa Seperu ba apere mesese e e bidiwang moshishi ka Sesubiya, e phaphasela mo phefong, meropa e ruthakaka. Moono wa mokete oo, e ne e le go kopanya Basubiya ba Rakops le ba Chobe gore ba itsane mme tiro e ne e tshwaretswe kwa kgotleng ya Samoaba e kwa go yone go fitlhelwang morafe wa Basubiya teng.
Tiro e, ene e le botlhokwa gore morafe o itseye motlhala, go itse gore go ne ga tla jang gore ba kgaogane. Rakops kgotsa Tsienyane jaaka motse oo o tlwaelesegile, o ratwa thata ke diphefo ka mmu wa teng o le leupa mme tsatsi la modiro diphefo, tsa bo di itshwere, go le digabogabo tsa maru, go foka phefswananyana ee bohitlha ka botsitsididi.
Baeng go tswa Kavimba ba ne ba eteletswe pele ke kgosi kgolo wa morafe wa Basubiya mo Botswana, Munitenge Lawrence Liswaani Sinvula III, a patilwe ke rraagwe, Munitenge Moffat Maiba Sinvula II. Mopalamente wa Chobe, Rre Machana Shamukuni, modulasetilo wa khansele ya Chobe, Rre Chimney Mululwani, dikgosana, makhanselara le bagolo ke bangwe ba baeng ba ba neng ba patile Kgosi Sinvula.
Lekoko leo gape le ne la nna le sebaka sa go etela lebitla la kgosi wa pele, Munitenge Nkonkwena Liswaani II yo o boloketsweng kwa Rakops ka ngwaga tsa bo 1800’s. Moletlo o ne tsentse ipelelo ya ngwao. E ne e re fa kgosi a tsena mo kgotleng, a bo a eteletswe pele ke mmoki, a mo tsatsanka ka bonatla jwa gagwe, morafe oo mo kgotleng o khubame ka mangole kgotsa ba rapama fa fatshe go fitlhelela a nna mo setilong.
Fa phuthego e tsweletse mongwe le mongwe, go simolola ka motsamaisa tiro ba ne ba khubama fa pele ga ga kgosi go kopa tetla pele ba ka bua, mme kgosi a rebole. Fa go tsena bahumagadi ba dikgosi, go opiwa diatla go fitlhela ba nna fa fatshe.
Mo mafokong a gagwe, Kgosi Sinvula III o lebogile Basubiya ba kwa Boteti go bo ba santse ba tshegeditse ngwao. Kgosi Sinvula III, yo o tlhomilweng mo setilong ka kgwedi ya Herikgong e tlhola malatsi a le supa ngwagatlola, ke ngwana wa ga Munitenge Moffat Maiba Sinvula II, yo a neng a etelela morafe wa Veekuhane go tswa ka 1969 go fitlha ka 2020 kwa Kavimba.
O supile fa ntateagwemogolo e bong Sinvula Nkonkwena a tsholetswe kwa Rakops morago a boela Kavimba go ya go tsaya bogosi ka 1928 go fitha 1968 mme a bolokelwa gone kwa Kavimba. A re go tswa ka 1876 go fitlha ka 2022 ke dingwaga di le 146, BaVeekuhane ba Boteti, Gumare le Chobe ba kgaogane ebile ba sa itsane mme ke sone se ba boneng gore ba dire bokopano joo gore ba itsane.
Kgosi o lebogetse puso ya Botswana go bakanya molao motheo gore merafe e e ntseng e sa lemogwe mo molaong motheong, e lemogwe. A re loeto loo, e ne gape e le go tla go abelana ditso le barwarrabone kwa Boteti le go buisana ka methale e e ka ba kopanyang jaaka meletlo ya ngwao.
Motshwarelela Tautona, Rre Slumber Tsogwane o ne a romela molaetsa wa popagano, ka a ne a seka a nna teng ka ntata ya ditshwarego. Rre Tsogwane o galaleditse Basubiya ka tiro eo, go abelana ditso tsa bone a re ba dirile ditso go dira jalo.
A re ka nako ya a santse a le tona ya dikgaolo, morafe wa Basubiya ba ne ba kopa puso gore e ba lemoge e le morafe mo Botswana mme puso ya ba lemoga ka 2016. O supile fa merafe ya Bayei le Basubiya ba fiwa tlotla le go akola gonna le kemedi ya bogosi kwa ntlong ya dikgosi.
Rre Shamukuni ene, o boletse fa a rotloetsa bokopano jwa mofuta oo ka bo tlisa kagiso le ledula le le eletsegang. Tona Shamukuni o boletse fa morafe wa Basubiya o nna mo mafelong a a farologaneng mme ba sa itsane sentle. A re ba dirile ditso go bo ba kopane gore ba itsane le ditso tsa bone. A re merafe e mengwe le yone, e tshwanetse ya dira jalo gore dingwao tsa bone di seka tsa nyelela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : RAKOPS, PHUKWi
Event : Phuthego
Date : 21 Jul 2022