Breaking News

Mantshwabisi Hydroponic Garden e tsisa tsholofelo...

21 Jul 2022

Mantshwabisi Hydroponic Garden e dirisa methale ya seshwa ya temo go ntsha maduo ka bofefo, go na le go lema mo mmung.

Mo potsolosong bosheng, motlhokomedi wa tshingwana eo, Mme One Moagiemang a re ba e abetswe ke kompone ya Greenjem le ba Palms For Life e le tsela ya go thusa komiti ya ditlhabololo ya motse oo.

A re tshingwana eo, e e lopileng madi a a ka tshwarang   P40 000, e tsile go ba tswela mosola ka e tlaa ba direla letseno.

Mme Moagiemang a re kompone ya Greenjem e ne ya ba ruta ka fa tshingwana eo e berekang ka teng, ka e dirisa botsipa jwa go godisa dijwalo ka metsi le menontshane.

A re tshingwana eo e mo tlhokomelong ya banana ba Mantshwabisi ba ka tshwara borobabobedi, bangwe e le maloko a komiti ya ditlhabololo.

“Re itumeletse thata mpho e ya tshingwana mme e bile e thusa banana ba le bantsi go dira sengwe go ba itsa go tlhola ba gobeya mo motseng, bogolo jang ka letlhoko la ditiro le ile magoletsa.”

Mme Moagiemang a re tshingwana eo e na le tanka ya metsi e go tsenngwang menontshane, mme e dirisa motlakase wa marang a letsatsi go isa metsi ko dijwalong, a boe a boele gape mo tankeng eo.

Tshingwana eo e dirisa botsipa jo bo bidiwang ka sekgoa gotwe ‘nutrient film technique’, go godisa dijwalo tsa bone, a tlatsa ka gore ba setse ba itemogetse mosola wa temo ya mofuta oo.

A re maikaelelo ke go bona e godile ka e na le bokamoso le bokgoni jwa go tlhamela banana ditiro le go dira letseno le le nametsang.

Mme Moagiemang a re maikaelelo ke go godisa tshingwana eo gore ba kgone go rekisetsa sekolo sa bana ba go tweng ba ko tengnyanateng (RADS), merogo.

O lebogile kompone ya Greenjem ka tiro e ntle e ba e diretseng motse wa bone, mme a ba eleletsa katlego mo kgwebong ya bone.

A re ba setse ba simolotse go rekisa merogo, mme ba bona tlhotloetso e e nametsang, sebe sa phiri ke gore metsi a bone a letswai, ka jalo dijwalo tsa bone ga di gole sentle, a re ba tshwanetse go tla ka metlhale e mengwe ya go bona metsi a a seng letswai.

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MANTSHWABISI

Event : Potsolotso

Date : 21 Jul 2022