Maloko a rotloediwa go dira ka natla
21 Jul 2022
Motshwarelela Tautona yo gape e leng moeteledipe wa phathi ya Botswana Democratic Party (BDP), Rre Slumber Tsogwane o rotloeditse maloko go dira ditiro tse dintle ka bogolo jwa Modimo nako tsotlhe.
O buile seo fa a ne a o gomotsa lelwapa la boora Visagie mo Tsabong ka Laborago morago ga gore go tlhokafale motsadi wa bone ebong Mme Sophia Visagie wa dingwaga tse di lekgolo yo e neng e le leloko la motia la phathi ya BDP.
A re botshelo jwa mongwe le mongwe e tshwanetse ya nna bokao gore e re motlhang a hulereng a gopolwe ka boleng jwa ditiro tsa gagwe.
Ka jalo a re go botlhokwa gore ba lelwapa loora Visage ba gomotsege mme ba rwale ditlhako ba tswelele ka botshelo ba amogele gore leso ke karolo ya botshelo e e ka sekang ya fetolwa ke ope.
Rre Tsogwane o ne a ba eleletsa go tswelela ba tshela ka kagiso le gore mautlwelobotlhoko a modimo a nne le bone ka dinako tsotlhe.
“A modimo a sidile dipelo tsa lona tse di tletseng kutlobotlhoko le fole mo maikutlong, le tswelele ka matshelo a lona,” a ba gomotsa jalo.
A supa jalo gore leso ke karolo ya botshelo mme e ama batho botlhe ka jalo go botlhokwa go gomotsa ba ba wetsweng ke seru seo.
Fa a lekodisa motshwarelela tautona, morwadie moswi ebong Mme Margaret Visagie o boletse fa moswi e ne e le leloko le le boineelo la BDP mme o tlhokafatse ka Labone beke e e fetileng morago ga go lwala mo sebakeng se se khutshwane.
O supile gore moswi o ne a na le kitso e e faphegileng ya tlholego ya bongaka jwa bana ka o ne a tumile ka go sidila baimana, go sidila bana, le go baya bana diphogwana. Moswi o tlaa bolokwa ka Matlhatso
Rre Tsogwane o ne a patilwe ke bagolwane ba khuduthamaga ya phathi eo ebong mokwaledi Mme Reobonye Merafhe, leloko la BDP Western Region Mme Welleminah Brooks, motshwara madi wa BDP kwa Gaborone Rre Kagiso Kwelagobe, mokhanselara yo o itlhophetsweng kwa kgaolong ya Goodhope/Mabule Rre Fankie Motsaathebe.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : Kgomotso
Date : 21 Jul 2022