Breaking News

Mokgatlho o abela bana diaparo

20 Jul 2022

Ba mokgatlho wa Unskilful Social Club kwa Ditshegwane, ba abetse bana ba dikhutsana diaparo tsa mariga.
Fa a rolela komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) dimpho tseo, bosheng, mogolwane wa setlhopha seo, Rre Bobby Leuwe, a supa fa mokgatlho o simolotse kwa Ditshegwane, mme ba ne ba bona go tshwanela go leba kwa ba tswang teng, go thusa ba ba tlhokileng lesego.
Rre Leuwe o tlhalositse fa ba ikopantse le mekgatlho e mengwe ya kgaolo potlana ya Letlhakeng, jaaka Khudu Social Club, wa Khudumelapye, Take Two Chillers wa Takatokwane le Kings and Queens wa Salajwe.
A re mokgatlho mongwe le mongwe o kolekile P1000, go thusa, ka ba itse gore bana ba kgona go ikgogona mo go ba bangwe fa ba bona ba sena se ba se aparang.
Rre Leuwe o tlhalositse fa ba tla a tswelela ba dira mo metseng e mengwe go thusa fa ba kgonang teng.
O supile gape fa ba neela ba VDC diaparo tseo gore ba tle ba di rolele ba boipelego.
Fa a amogela dimpho tseo, mothusa modulasetilo wa VDC, Mme Tsholano Kelebang o ne a re di tlaa neela bana seriti, a re ngwana fa a sa tshwane le ba bangwe, matlho otlhe a felela mo go ene.
O kopile ba mokgatlho wa Unskilful go se felele foo, mme ba tsoge ba dira se se fetang se ba se dirileng.
Mothusa mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Ditshegwane, Mme Gadifele Alstalt, o ne a lebogela dimpho tseo, a supa fa di tla a tiisa bana moko.
Mme Alstalt o ne gape a kopa ba Unskilful go nna ba etela bana kwa dikolong go ba rotloetsa go ithuta, a supa fa se se ka tlisa pharologanyo ka jaana bana ba tla a bo ba beelwa dikai ka batho ba ba itseng.
O supile fa sekolo seo se alositse barutegi ba le bantsi, mme fa ba ka rotloetsa bana go ka nna molemo fela thata.
Fa a amogela baeng, Kgosi Selelo Kelebang wa kgotla ya Badutlwe, o ne a supa fa ba itumelela go bona mokgatlho wa Unskilful o phuthile bana kwa mabaleng, go ba itumedisa ka kgwele ya dinao, o ba ntshitse kwa dibareng.
Kgosi Kelebang o ne a ba lebogela tiro e ntle e ba e dirileng. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : DITSHEGWANE

Event : Kabo dimpho

Date : 20 Jul 2022