Breaking News

Morris ke kgosi ya Chobokwane

20 Jul 2022

 Rre Willie Morris o tlhomilwe  kgosi ya Chobokwane bosheng.
Fa a rola Kgosi Morris mo morafeng semmuso, Kgosi Barnard Kaome wa Tsootsha o boletse fa bokamoso jwa bogosi bo le mo diatleng tsa morafe, ka jalo a ba kopa go dirisana sentle le kgosi ka nako tsotlhe.
Kgosi Kaome o ne a tlhagisa Kgosi Morris go dibela bogosi ka go ikgapha mo sepolotiking.
O ne gape a mo gakolola gore Kgosi Sophie Morris, ebong mmagwe le kgaitsadie ebong Kgosi Thato Mombadi, ba tlogetse morafe o kitlanye, mme a a seka a o phatalatsa.
O tsweletse a mo kopa  go aga motse wa Chobokwane, a tlatsa ka gore “a moretlwa o lele mo Chobokwane”.
Kgosi Annah Rancho wa Ghanzi o ne a gakolola Kgosi Morris go tshwaraganela ditiro tsa motse le morafe.

“Kgosi ke kgosi ka batho ebile ya re‘kgosi go thotsa, malata a gogobe’’

Kgosi Rancho a re bogosi bo tshwanetse go somarela ngwao, e seng go itebanaya le go sekisa fela.
O ne gape a mo rotloetsa go ema kgatlhanong le kgokgontsho ya bong le go tsenya leitlho tiriso ya ditagi.
Fa a latlhela tlhware legonyana, Kgosi Walter Ramoswaane wa Kole, o ne a re molelo o se time, segolo bogolo ka gona le batlhoki le bahumanegi mo motseng.
Fa amogela thomo ya bogosi, Kgosi Morris o ne a itlama go intsha setlhabelo mo ditirong tsotlhe tsa morafe le go ba direla ka natla ka nako tsotlhe.
A re ka tshwaragano le morafe, tiro ya gagwe e ka nna motlhofo.
Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Ghanzi Botlhaba, Rre Thatayaone Royal o tlhalositse fa leeto la go tlhoma kgosi le simoletse ka 2020, morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Thato Mombadi.
Rre Royal a re mosepele o ne wa kgorelediwa ke go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19, mme o ne wa tswelela ka Sedimonthole 2021, fa banni ba le bararo ba supa fa ba batla go emela ditlhopho tsa bogosi, mme Rre Morris a fenya.
Rre Royal a re bogosi jo bo fetileng le jone bo ne bo tsene ka ditlhopho, ke ka moo ba tsweletseng ba dirisa tsaamaiso ya ditlhopho.
O ne a lebogela morafe bopelotelele, le go tlhopha ka kagiso, mme a kopa Kgosi Morris go ithuta ditsamaiso tsa bogosi mo dikgosing tse dingwe le go tsaa morafe ka tekatekano. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : CHOBOKWANE

Event : Thomo ya bogosi

Date : 20 Jul 2022