Breaking News

Mapodisi a tshwere babelaelwa ka nama

20 Jul 2022

Mapodisi a Maun a tshwere babelaelwa ka nama e go belaesegang e le ya dikgomo tsa bogodu.

Mo potsolotsong, Mookamela mapodisi a Maun, Superintendent Chenamo Orateng a re ba tshwere babelaelwaba le barataro mo dikgetseng tse tharo ba tswa Matsaudi le Xharaxao.

A re babelaelwa ba ba ne ba tsena ka motse wa Maun ba pegile nama, go supega fa ba ne ba e isa kwa marekisetsong.

Supt Orateng a re molao wa thekiso ya kgomo o tlhalosa fa mong wa kgomo a tshwanetse go isa setlankana kwa go ba sepodisi go netefatsha gore kgomo ke ya gagwe, pele e ka tlhabiwa, mme a re mo dikgetseng tse, babelaelwa ba ne ba sena sesupo sa mapodisi.

A re go le gantsi magodu a tlhabela dikgomo kwa merakeng ba bo ba tshuba matlalo go fitlha bosupi, mme ere morago ba rwale nama ka dikoloi go isa kwa marekisetsong.

Ramapodisi o tlhalositse fa dikgang tsa bogodu jwa leruo di tshwenya thata mo kgaolong ya Ngami, a re badira melato ba ipopile digongwana.

O kopile Batswana gore ba seka ba nyema moko go lwantsha bogodu jwa leruo, a tlatsa ka go kopa sechaba go nna matlho a mapodisi le go ba tsibosa fa ba belaela sepe fela.

Supt Orateng a re ba sepodisi, ba tshwaragane le ba cluster policing le ba dikomiti tsa balemi barui, ba tshwere ka natla go nyeletsa bogodu jwa leruo.

Mo go tse dingwe, o akgotse Batswana go bo ba ne ba itshwere sentle ka malatsi a boikhutso. 

A re ga ba a kwadisa dikotsi tsa dikoloi tse di masisi kana melato epe e e gapileng matshelo a batho.

O buile fa e rile ka Mosupologo bosigo, magodu a thuba kwa lwapeng lengwe kwa Boseja mo Maun, ba utswa dilwana tsa madi a ka tshwarang P19 000, mme ba ise ba tshware ope tebang le molato oo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : Maun

Event : Potsolotso

Date : 20 Jul 2022