Breaking News

Ba akgoletswe mowa wa tshwaragano le boipelego

20 Jul 2022

Motse wa  Majwaneng mo kgaolong ya Tswapong o ipeletse pulo semmuso ya leobo la kgotla le kago ya lone e e simolotseng ka boithaopo jwa banni.

Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autwetse yo e leng ene a butseng leobo semmuso ka bosheng, o galaleditse morafe wa Majwaneng go bo ba santse ba tshegeditse mowa wa boipelego.

A re se, se supa fa go na le kutlwisisano le tshwaragano gareng ga morafe le bogogi jwa motse.

Rre Autlwetse a re tshwaragano e, e supiwa ke ditiro tsa ditlhabololo tse di dirwang kwa motseng oo ka boithaopo le ka boipelego jwa banni, ba tshwaragane le puso.

O tlhalositse fa se se dirilweng ke banni ba Majwaneng e le selo se sentle, se a eletsang fa metse e mengwe e ka tsaya malebela mo go sone go itlhabolola le go tlhabolola metse ya bone.

A re metlha ga e sa tlhole e le ya maloba mo puso e neng e kgona go dira sengwe le sengwe mme ka letlhoko la madi, puso e iphitlhela e sokola go tlhabolola metse jaaka e ne e eletsa. 

Rre Autwetse o tlhalositse fa go le mo pontsheng gore dilo di ntse di thatafalela pele, a supa fa meamuso e puso e neng e ntse e ikaegile ka yone e sa tlhole e dira letseno le le lekaneng go dira ditlhabololo jaaka pele.

A re puso e ntse e dirisa madi a mantsi mo segajajeng sa bolwetse jwa HIV/AIDS ka go tsaya boikarabelo, go somarela matshelo a Batswana ka go reka dipilisi tsa diritibatsi gore Batswana ba ba amilweng ke mogare ba kgone ba di tseye mahala mo dipateleng.

Rre Autlwetse a re fa seemo se santse se ntse jalo, ga tlhagoga mogare wa COVID- 19, o o neng wa dira gore itsholelo e wele tlase thata. O rotloeditse Batswana go ema ka dinao go tlhomamisa gore o dira sengwe go itshetsa le ba malwapa a bone.

A re se se dirilweng ke morafe wa Majwaneng se tshwanetse go iteelwa legofi, a re ditoro tsa bone di ne tsa fetoga nnete morago ga gore ba ikgobokanyetse madi go aga leobo la kgotla mme puso e ne ya ba tseeletsa ka go thusa ka madi a dikgaolo go feleletsa tiro e.

O kgothaditse bogogi le morafe go tswelela ka tiro e ntle e ba e dirang mme a supa fa ba tshwanetse go tsenya leitho thata kwa thutong, ka e le yone boswa jo ngwana a ka itshetsang ka yone.

Fa a bua le batsatsa, Rre Autlwetse o ba kgothaditse go rotloetsa bana ba bone go ikopanya go tsaya mananeo a puso gore ba itlhamele mebereko, bogolo jang ka ditiro di sa tlhole di le teng.

A re o itumedisiwa ke gore leobo le agilwe ke bana ba Majwaneng, go simolola fela ka moalo wa lona, a re le fa e ne e se tiro ya sennela ruri, bana ba motse oo ba ne ba oba letsogo.

Rre Autlwetse a re se, ke sone se se rotloediwang ke puso go re bana ba nonotshiwe gore le bone ba kgone go oba letsogo.

Mopalamente wa kgaolo ebile e le mothusa tona wa lephata la tlhabololo magae, Rre Sethabelo Modukanele o lebogile banni ba Majwaneng le boeteledipele jwa motse go tsenya letsogo mo dipateng ba itshimololela kago ya leobo.

Kgosi Gomolemo Molebatsi wa Majwaneng, o supile fa bana ba Majwaneng ba na le bokgoni ka e le bone ba agileng leobo, go simolola ka moalo go fitlhela le fela, a supa fa leobo le agilwe ke khamphami ya Pashas Investment, e e leng ya ngwana wa Majwaneng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Majwaneng

Event : Pulo semmuso ya leobo

Date : 20 Jul 2022