'Tshegetsang serodumo sa kereke'
20 Jul 2022
Maloko a kereke ya Eleven Apostles Healing Spirit Church ba gwethilwe go tshegetsa serodumo sa kereke ya bone gore ba fitlhelele maikaelelo a yone.
Seo se buile ke mothusa Tona ya Thuto wa pele, Rre Thato Kwerepe kwa pulong semmuso ya kokoano ya maloko a kereke eo kwa Shorobe ka letstasi la Tshipi.
A re kereke e na le tsamaiso mme ka jalo go botlhokwa gore maloko a sale tsamaiso eo morago gore kereke e bone kgolo ebile e diragatse tiro ya Modimo.
O tsweletse a re botshelo jwa kereke bo mo matsogong a maloko a supa fa ba ka e aga e bile e le bone ba ka e thubang fa ba sa sale tsamaiso le melawana morago.
Rre Kwerepe yo gape e neng e le mopalamente wa pele wa kgaolo ya Ngami o tlhalositse fa gompieno dikereke di thubega ka ntlha ya gore sengwe le sengwe se beilwe fela mo baruting.
A re ka nako ya segajaja sa COVID-19, baruti ke bone ba neng ba bonala ba tshwaragane le puso go lwantsha bolwetse joo mme a kopa maloko go ema baruti nokeng ka jaana le bone ba na le boikarabelo.
Rre Kwerepe a re ba tshwanetse ba tlhaloganya botlhokwa jwa kereke mme a ba rotloetsa go dira ba le seoposengwe a re seo se ka thusa go busetsa seriti sa kereke.
“Maloko a tshwanetse a ema baruti nokeng mo tirong ya bone le gone go rotloetsa tsamaiso e e lolameng, “ ga tlhalosa Rre Kwerepe.
Maloko a kereke eo a gwetlhilwe go ikgatholosa ditiro tsa lefatshe mme ba rotloediwa go tsepamisa matlho a bone mo Modimong.
Rre Kwerepe a re ba tshwanetse ba bonwa ka ditiro tsa bone gore ke batho ba kereke.
“Nnang bagaka ba ntwa le tlogeleng tsa lefatshe ka jaana disa busetse, le tsalwe sesha le bo le diragatse ditaelo tsa Modimo. Lemogang fa basimolodise ba kereke e ba tlogetse motlhala o le tshwanetseng la o sala morago,” ga gatelela jalo Rre Kwerepe.
O ne a supa boitumelo a re kereke eo e na le ditso ka jaana mosimolodisi wa yone a nnile le seabe mo tlhabololong ya lefatshe leno.
Fa a nankola ditso tsa kereke eo, Archbishop Sebopiwa Moleta o boletse fa kereke eo e thailwe ka 1963 ke Rre Lesomo Moswe o o sa tlholeng a le botshelong.
A re mosimolodi wa yone e ne e le morongwa wa Modimo e bile e le moporofita yo motona ka jaana e ne e re fa a bua selo si diragale.
O ne a mo gopola ka dingwe tsa seporofito sa gagwe a re o ne a bua gore morafe wa Batawana nako nngwe o tla latlhegelwa ke khumo ya bone ya dikgomo mme ka nnete ba ne ba ba bolaelwa dikgomo ka nako ya go tlhagoga ga bolwetse jwa lekgwafo.
Archbishop Moleta o boletse fa moswi Moswe a ne a le botlhale thata e bile a rata go direla Modimo ka tota keletso ya gagwe e ne e le go bona phetogo mo matshelong a Batswana.
Ka jalo o kopile maloko a kereke eo go tshegetsa motlhala wa gagwe a re o itumelela gore ba setse ba na le dingwaga di le masome a matlhano mosimolodi wa kereke eo a ba tlogetse mme kereke e santse e itsetsepetse.
O ne a kgothatsa maloko go tswelela ka mowa oo le gone go ipelafatsa ka botshelo jwa ga rraabone.
A re ba tswelele ba mogopole ka go dira ditiro tse dintle le gone go somarela seriti sa kereke ya bone. Kokoano eo e ne e tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng “Go busetsa lenaneo la Modimo mo nakong tse dithata tsa ketsaetsego. Ga go sepe se se ka re kgaoganyang le lorato la Modimo.” BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Shorobe
Event : Bokopano
Date : 20 Jul 2022