Ipabalelo tseleng ke maikarabelo a botlhe - Kgosi Segotsi
19 Jul 2022
Ipabalelo tseleng ke kgang e e amang setshaba sotlhe ka jalo e tshwanetse go tsewa ka tlhwaafalo.
Mafoko a a builwe ke Kgosi Duncan Segotsi wa motse wa Mahalapye mo bokopanong jwa go rapelela ditsela jo bo neng bo tshwerwe kwa Mahalapye bosheng.
Kgosi a re tsela ya A1 ke tsela e e nang le dikoloi ka nako tsotlhe mme go feta ga tsone go raa gore go nale dikgwetlho tse dintsi ka gore ga se bakgweetsi botlhe ba ba obamelang melao ya tsela.
A re bangwe ba tsamaa ka mabelo a a feteletseng e bile gape ba itshietse.
O tlhalositse fa dikotsi di farologana ka fa di diragalang ka teng, mme mapodisi a ka se kgone a le nosi ntleng le thuso ya setshaba.
Ka jalo kgosi o rotloeditse batho go nna ba tla bokopanong, go itseela molaetsa wa go ipabalelo le gore o kgone go anama ka bofefo.
Mo kamogelong ya gagwe modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng mo kgaolong ya Mahalapye e bile e le mothusa molaodi wa Mahalapye, Mme Malebogo Ramatu a re fa malatsi a boitapoloso a goroga batho ba nna bantsi mo ditseleng, ba kgweetsa ka maikutlo a a farologaneng, bangwe ba kgweetsa ba itshietse bojalo mo go feteletseng go dira gore go nne le tse di sa eletsegeng, ke ka jalo bokopano jo bo nnileng teng go tla go rapedisa diemo tsa go nna jaana.
“Re iphitlhela re le mo tseleng e e borai, e tona ya A1, mme go botlhokwa re ema ka dinao re rapelele diemo tse gore di eme”, modulasetilo a tlhalosa.
A re ba kopana nako le nako fa go nna le motsamao o montsi bogolo jang ka malatsi a boitapoloso.
Mookamela mapodisi a pharakano mo Mahalapye le metse e e mabapi a District No. 16 Rre Tuelo Komanyane, o lebogetse seabe sa badumedi mo go tsa ipabaleko tseleng.
A re boitshwaro jwa bakgweetsi mo ditseleng ga se jone ka ba sena kelelelo sentle mme dithapelo di botlhokwa go thusa go fokotsa dikotsi.
A re dikotsi di bakiwa ke go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng, go tlhoka go obamela matshwao a tsela, go itshiela le tiriso ya ditagi, go tlhoka go nna kelo-tlhoko le letsapa le lentsi, ga mmogo le diphologolo tse di mo di tseleng.
O boletse gore go hema dikotsi go tlhoka go kgweetsa ka lebelo le le lekanetseng, go obamelwa matshwao a tsela, go kgweetsa go sa nwa bojalwa kgotsa ditagi, go ikhutsa pele ga mosepele le gore barui ba tlhokomele leruo mo tseleng magareng ga metlhale e mengwe ya go fema dikotsi.
A re ba gatisitse dikotsi di le mmalwa tse adimileng banana thata.
O supile fa go nale metlhale e mentsi e e dirisediwang go tsibosa le go ruta setshaba ka ipabalelo tseleng.
A re mokgweetsi o tshwanetse go nna le poifo le tlotlo ya go itse gore a itshware sentle go itsa dikotsi.
Fa a ntsha mafoko a kgothatso moruti wa St. James mo Mahalapye, Rre Boitshoko Gabaraane a re re le batho re rotloediwa ka metlhale e mentsi.
A re go nale ba ba ikgethetseng go reetsa le go ikanya Morena, a supa fa go sena sepe se se ka siamang ntleng le go kopa thuso mo modimong.
Moruti Gabaraane a re go na le dilo tse di a tleng di diragale, ka lebaka la gore modimo o a bo a ntsha sekai sa gore ga a a itumelela sengwe, mme tse dingwe di diragala ka go tlhoka go reetsa modimo.
“Dilo tsotlhe tse o di dirang di dire ka kaelo ya modimo ka gore o na le rona ka nako tsotlhe,”ga tlhalosa Moruti Gabaraane.
A re banana ba itlhaganetse thata, mme keletso ke gore ba dige makgwafo ba dire dilo ka iketlo e bile ba ikanye modimo nako tsotlhe.
O rotloeditse botlhe go tswelela ka thapelo mme ba seka ba kgojwa marapo ke tsa lefatshe.
Bokopano jwa dikereke go rapelela ditsela bo tshwarwa la bobedi ngwaga ono mo Mahalapye, maikaelelo e le go kopa dithapelo kgotsa tshireletso mo dikotsing tsa tsela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onkarabile Moeng
Location : MAHALAPYE
Event : bokopano jwa go rapelela ditsela
Date : 19 Jul 2022