Breaking News

Setshaba se rotloediwa go amogela magolegwa

19 Jul 2022

Mogolwane wa lephata la dikgolegelo le popo magolegwa sesha mo Mahalapye  Assistant Supt Seremane Sikwane o rotloeditse setshaba go amogela magolegwa  morago ga go gololwa mo dikgolegelong.

Assistant Supt Sikwane o buile se mo phuthegong ya kgotla, e e neng e rulagantswe ke lephata la kgolegelo kwa Mmutlane ka Labotlhano.

 Maikaelelo a phuthego eo, e ne e le go rotloetsa le go ruta setshaba ka go amogela ga magolegwa mo setshabeng.  

Rre Sikwane o supile fa lephata la bone le na le  lenaneo le ka lone yo o gololwang mo kgolegelong,  a tshwanetseng go ya go ikopa maitshwarelo mo go ba a ba diretseng molato e le tsela ya go rotloetsa kamogela ya magolegwa. A re se gape se rotloetsa gore ba ikamogele mme ba tshele ka kagiso.

Rre Sikwane o ne a rotloeditse thata le kgang ya go ba tlhola fa ba santse ba le kwa dikgolegelong, ka se se ba thusa go itse tse di botlhokwa tse di diragalang kwa malwapeng.

O ne a tlhalosa gore kgato nngwe e ba e tsereng ke gore famotho a isitswe  kgolegelong kgakala le kwa legaeng la bone, fa a le gaufi le go gololwa ba mo isa kwa kgolegelong e e gaufi le motse wa bone gore ba kgone go mo isa ba bo ba mmega mo botsading motlhofo.

 Rre Sikwane o rotloeditse gore motse mongwe le mongwe o nne le komiti e e tlaa bong e thusa mo go amogeleng ba ba ba tswang mo dikgolegelong gore lenaneo la bone le atlege.

Fa a bua ka tse dingwe, Rre Sikwane o ne a tlhalosa fa ba na le magolegwa  a le  578 le bana ba le babedi mo kgolegelong ya Mahalapye.

A re dikgolegelo di tletse ka banana le batho ba e leng gore ba a boelela, ba tsena ba tswa mme se se utlwisa botlhoko ka se se ba raya se re lephata ga le dire sengwe sentle.

A re gape poelelo e, e raya gore banana ga ba tshele sentle mme a re nngwe ya tse di bakang gore ba boele ke go tlhoka go amogelwa mo setshabeng.

O tlhalositse fa ba sekasekile gore a se se rutiwang ko kgolegelong a ke se se ka ba solegelang molemo, a  supa fa ba tlhabolotse mananeo a bone. A re ba ntse ba ruta tiro ya diatla mme jaanong ba tsentse le dithuto tsa go ba aga, le go ba sidila maikutlo.

Rre Sikwane a re ba leba motho gore o tla a dirile molato o o ntseng jang, a bo ba leka go mo tlhotlhomisa gore tota o gwetlhilwe ke eng gore a dire molato wa go nna jalo, mme go tswa foo ba mo tsenya dithuto ba remeletse mo go reng o dirisitswe molato ke eng.

O buile gape gore ba ba ruta le go rarabolola mathata le go laola maikutlo, a re go nale ba ba dirisang ditagi phetelela le bone ba rutiwa ka borai jwa tsone ka ke tsone di ba dirisang melato.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : MMUTLANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Jul 2022