Breaking News

Mokgatlho wa Makgabaneng o phutha badiragatsi

19 Jul 2022

Mokgatlho wa Makgabaneng  o o itsegeng  ka bodiragatsi mo seromamoweng sa Botswana le Botswana Television  o tla kgobokanya badiragatsi botlhe ka ditalente tsa bone ka go farologana go ba fa sebaka sa go supa bokgabane jwa bone le go abelana megopolo.

Fa a tlhalosa ka tiro e mo Gaborone ka bosheng,  mogolwane gotswa kwa Makgabaneng Rre Tony Buru a re moletlo o, o tlaa bong o bidiwa Makgabaneng International Creative Arts Festival o tla tshwarwa kgwedi ya Phatwe a tlhola botlhano go fitlhela a tlhola malatsi a supa.  

O tlhalositse fa badiragatsi botlhe mo gae ba tla nna le sebaka sa go supegetsa batho talente ya bone le gone go itsanye gore ba kgone go bereka mmogo le gone go nna le thotoetso.

O kaile fa dithuthuntsho tse di tlaa ba fa maele a gore ba ka kgona jang go itshetsa ka talente ya bone.

Mogolwane go tswa kwa lephateng la banana, metshameko le ngwao, Rre Dean Molebatsi o ne a  akgola ba Makgabaneng,  a supa fa go dira jalo go fa lefatshe tsholofelo ya gore bodiragatsi bo a gola.

Ntswa le fa go le jalo, Rre Molebatsi o gakolotse badiragatsi botlhokwa jwa go lemoga talente ya bone le gone go e godisa gore ba kgone go itshetsa ka yone.

O kaile fa motho a ka nna le talente mme fa a sa e dirise go ngoka letseno ka yone e ka se mmerekele le gone go godisa itsholelo mo gae.

Bangwe ba badiragatsi ba tsa go roka ba ba tumileng ka leina la Black Trash le bone bane ba konetelela mafoko a ga Rre Molebatsi.

Mme Kutlwano Mogojwe o kaile fa ba ithutile fa go le botlhokwa go bona gore ba ka dira madi jang ka talente tsa bone. O kaile fa go bereka mmogo go ka tsenyetsa modiragatsi mongwe le mongwe letseno fa go na le tomagano magareng ga bone.

Are mogopolo o Makgabaneng o tsileng ka one, ke toro e bantseng ba e lora go bona bodiragatsi jotlhe bo kopane e bile bo seka seka gore bo ka dirisanya mmogo jang go dira letseno le go godisa mohama wa bone. 

Makgabaneng e ne e phuthile badiragatsi ba ditalente tse di farologanyeng gore ba kgone go kopana le go ipha moko pele ga letsatsi le legolo kgwedi e etlang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Wren

Location : GABORONE

Event : Makgabaneng International Creative Arts Festival

Date : 19 Jul 2022