Breaking News

Bokone Botlhaba o batla kgaolo e nngwe

19 Jul 2022

 Kgaolo ya botlhophi ya Tati Bophirima e kopile gore go tlhongwe kgaolo ya boraro mo Bokone Botlhaba ka seo se ka tlhogofaletsa mapalamente tiro le go nolofatsa go isa ditirelo kwa kgaolong.

Mo bogompieno kgaolo ya Bokone Botlhaba e na le dikgaolo tsa botlhophi di le pedi ya Tati Bophirima le Tati Botlhaba tse di akaretsang metse e le masome a mane mme ka jalo go le thata gore mapalamente a fitlhelele kwa metseng e mengwe, ka ntata ya go anama ga kgaolo. 

Se se builwe ke banni ba metse ya Makaleng, Masunga, Mapoka, Gulubane, Sechele, Masingwaneng, Mambo, Matenge, Botalaote, Toteng, Sekakangwe, Mbalambi, Gungwe, Dambule, Zwenshambe, Mulambakwena, Nlakhwane, Moroka, Jacklas 1, Ramokgwebana, Kgari, Masukwane, Pole, Letsholathebe, Vukwi mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe ke lekoko le le sekasekang go kgaoganngwa ga melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi.

Lekoko leo le ne la wetsa mosepele wa lone mo Tati Bophirima kgwedi eno e le lesome le botlhano.

Baagi ba Tati Bophirima ba re ba re ntswa kgaolo ya Bokone Botlhaba  e lebega e le nyenyane, e bophara e bile e na le palo e ntsi ya metse, mme mengwe ya yone jaaka Tati Siding, Matshelagabedi le Masunga e tsweletse ka go gola ka lebelo le le kwa godimo.

Ba tlhalositse fa seemo sa gompieno se kokonela mapalamente go diragatsa boikarabelo jwa bone, ka seo se felela se ba ema pele go fitlhelela metse yotlhe le go ba etela kgapetsakgapetsa.

Banni ba ne ba ntsha megopolo ya ka fa ba eletsang melelwane ya dikgaolo tsa bone e ka tsamayang ka teng le gore metse e ka kopanngwa jang.

Banni bangwe ba eletsa gore dikgaolo tseo tse tharo e nne Tati Bophirima, Tati Botlhaba le Tati borwa, fa bangwe ba re e nne Tati Bophirima, Tati LEgare le Tati Botlhaba.

Le fa gontse jalo baagi ba Tati Bophirima ba buile ba sa kgwe mathe, ba kopa gore leina Tati le phimolwe mme le emisetswe ka ‘Bukalanga’kgotsa dikgaolo tsa bone di bidiwe ka maina a metse jaaka tsa dikgaolo tse dingwe.

Mme Julia Atlholang a re e le banni ba motse wa Mambo ba eletsa gore dikgaolo tsa bopalamente di bopiwe bogolo ka palo ya batho ba le dikete di le lesome le botlhano (15 000) go itsa gore mapalamente a fekeediwe ke palo ya batho le metse e ba e emetseng.

Rre Damien Thapa wa Makaleng a re go tlhongwa ga kgaolo ya boraro go tlaa thusa gore diofisi tsa mapalamente di tlhongwe kwa mafelong a a atametseng setshaba, gore se seka sa sokola go ya go fitlhelela ditlamelo tse di bonwang koo. E ne e rile go le pele, lekoko leo la tlhalosetsa banni fa seelo se se tlhokegang sa palo ya batho go ka bopa kgaolo e le 41 396, ba re fela go na le mabaka mangwe a a ka bakang gore dipalo tsa dikgaolo dingwe di bo di le kwa godimo kgotsa kwa tlase.

Ba ile ba supa fa go ya ka dipego tsa palo batho ya bosheng, go supa fa kgaolo ya Bokone Botlhaba e na le batho ba le 69, 395 mme Tati Bophirima ka nosi e na le 30, 910 fa go tshwantshanngwa le dipalo tsa 2012 tsa 29, 383.

Leloko lengwe la lekoko leo, Rre Thebeyame Tsimako o ne a re dikgang dingwe ke tse banni ba ka di lebisang lekoko la tshekatsheko molao motheo, a re dikgoro tsa lekoko leo di santse di butswe.

Ka jalo ba santse ba na le sebaka sa go isa megopolo ya bone, a bolelela fa bone ba itebagantse le go tshekatsheko ya kgaoganyo ya dikgaolo tsa bopalamente fela.BOKHUTLO

 

 

 

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Jul 2022