Breaking News

A sebaka sa kwadiso ya ditsha se okediwe

14 Jul 2022

Banni ba Mahalapye ba kopile gore sebaka sa kwadiso ya ditsha e e tsweletseng se okediwe go nna sebaka sa ngwaga.

Banni ba ntshitse kopo e ka Labobedi mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Ngwato, Rre David Modisagape mo Mahalapye.

Sebaka se se beilweng sa dikgwedi tse thataro, banni ba supile fa se le sekhutshwane.

Fa a buisa phuthego, Rre Modisagape o tlhomamiseditse banni fa a tlaa fetisetsa kopo ya bone kwa go tona wa Lephata la Ditsha le Metsi, Rre Kefentse Mzwinila.

Le fa go ntse jalo, Rre Modisagape a re kwadiso ditsha e e tsweletseng e, e botlhokwa gore banni ba e tlhoafalele ka jaana molalo wa lefatshe la mofare o fetotswe.

Ka jalo, o kopile banni go kwadisa ditsha tsa bone tsotlhe, e bong tsa bonno, masimo le dikgwebo. 

Molao o mosha o, a re o tsene mo tirisong Moranang a le masome mabedi mme o tlama mongwe le mongwe yo o nang le setsha, le ba ba di abetsweng ke magosi, go di kwadisa pele ga kgwedi tse thataro di wela.

Fa lekgotla la kabo ditsha le sena go kwadisa le go rurifatsa ditsha tse, a re le tshwanetse go fetisetsa dipampiri kwa Deeds Registry go kwadisa le go neela mong wa setsha setlankana se sesha (Deeds of Customary Land Grant) kgotsa Memorandum of Agreement of Lease).

“Jaanong, ke a le kopa lotlhe beng ba ditsha gore le phuthologe le ye go kwadisa ditsha tsa lona ka gore le a tlamega go ya ka molao o mosha o. 

Ke kopa gape gore a potso ya gore re kwadisetsang ditsha ka re kwadisitse ka LAPCAS re e beele kwa thoko,” ga bua Rre Modisagape.

“Kwadiso e re neng re e dira ka LAPCAS, go dipotso dingwe tse e neng ya seka ya di botsa. 

Jaanong go botlhokwa gore le ye go kwadisa ditsha tsa lona sesha. 

Rona re bo re ya go kwadisetsa Title Deed. 

Lesatsi le letsatsi kwa  mokgotleng le makgotlana otlhe a kabo ditsha go a kwadisiwa,” a tlatsa.

Molao o mosha o, modulasetilo a re o tsena mo boemong jwa Molao wa Lefatshe la Morafe wa 1968, mme o tsile go fefosa le go tokafatsa ditirelo le ditsamaiso tsa kabo ya lefatshe jaaka go fetisa setsha le phimolo dikeledi.

Molao o, a re o letla makgotla a kabo ditsha go rerisanya le ba-na-le seabe jaaka ba bogosi le dikhansele fa ba dira melawana, go fitisetsa ditiro le dithata tsa lekgotla la kabo ditsha kwa makalaneng a mangwe le go bopa dikomiti go fefosa ditirelo.

Mo go tse dingwe, Rre Modisagape o tlhaloseditse banni gore molao o letla mongwe le mongwe yo o iseng a abelwe setsha gore a ikopele setsha, a bo a se fiwe. 

Tshwanelo e, a re e akaretsa le batho ba ba tseneng mo lenyalong la tlhakanelo dithoto mme ba sena setsha tsa banna kgotsa basadi ba bone.

O kgadile ba ba tsweletseng ka go rekisa ditsha morago ga go di abelwa, a gatelela gore lekgotla la kabo ditsha le ya go dira gore go nne thata gore Batswana ba rekisetse Batswakwa lefatshe motlhofo. 

Ka jalo, o rotloeditse banni gore go na le go rekisa ditsha, bogolo ba di hirisetse ba bangwe gore ba itshidise ka tsone, gore di seka tsa ba latlhegela gotlhelele.

Phuthego e, e ne e tseneletswe gape ke Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye, mothusa kgosi ya Mahalapye, Kgosi Tshipe Tshipe, modulasetilo wa khansele-potlana ya Mahalapye, Rre Bantlhasetse Merementsi, modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Mahalapye, Mme Emeldah Rametsana le mokwaledi wa lekgotlana la kabo ditsha la Mahalapye, Mme Letsholo Monthe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : Mahalapye

Event :

Date : 14 Jul 2022