Ba Phaphane ba itumelela go tlhongwa ga ga Kgosi Pone
14 Jul 2022
Banni ba Phaphane kwa Mochudi ba iteetse legofi tlhomamiso semmuso ya ga go nna kgosana ya bone.
Ba boletse fa Kgosi Pone a tswa kgakala a le tlhaga, segolo bogolo mo ditirong tsa ditlhabologo tsa kgotla ya bone.
Banni ba boletse fa a tswa kgakala a itshupile a le sekao sa boeteledipele jwa motia mo motseng mo makgethong a le mantsi.
Ba buile jaana fa Kgosi Pone a ne a tlhomamisiwa ke mothusa kgosi ya Bakgatla, Kgosi Bana Sekai mo phuthegong ya kgotla ka Laboraro.
O thomiwa jaana morago ga go tlhokafala ga kgosana ya kgotla eo, Kgosi Phelelo Pilane ngwaga o o fetileng.
Ba mo eleleditse botsogo jo bontle le gore a ikanye Modimo le go reetsa matlhogotshweu, ga mmogo le go kopa dikgakololo fa go na le se se mo tsietsang.
Banni ba ne ba re Kgosi Pone o boi e bile o na le botho mo bagolong le ba bannye.
E rile Kgosi Sekai a rolela Kgosi Pone morafe, a bolela fa a amogetswe ka atla tsoo-pedi ke Kgosikgolo Kgafela le gore puso le yone e ne ya mo tlhomamisa morago ga gore go rerisiwe morafe mo nakong e e fetileng.
Borara jo bo neng bo tsene phuthego, go akarediwa Kgosi Ivo Kgamanyane wa Boseja Borwa le Joel Kgamanyane wa Boseja Legare ba netefaditse fa ba tlaa tswelela ka go gakolola Kgosi Pone mo go tsa go etelela morafe pele.
Ba mo gakolotse go ikanya matlhogotshweu le gore a tswelele ka go rerisa morafe wa gagwe mo ditirong tsotlhe tsa setshaba.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Pone wa mophato wa Madibelankwe o itumeletse gore Bakgatla ba supile fa ba na le tshepo mo go ene.
A re o itlama go dira ka botswapelo le go dira ka bojotlhe, le gore ga a na go ba swabisa.
Kgosi Pone a re o amule go le gontsi mo bagolong fa a ntse a tsena diphuthego tsa morafe, ka jalo a tlhomamisa fa a ikabela morafe wa gagwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : Mochudi
Event : Peo ya kgosi
Date : 14 Jul 2022