Breaking News

Shakawe o tlhomile kgosi

14 Jul 2022

Boineelo, boikokobetso le go rerisanya le morafe ke dingwe tsa dintlha tse kgosi e di tlhokang go atlega.

Se se ka lere ledula le tomagano e e botlhokwa mo ditirelong tsa motse.

Dibui ka go farologana di buile jaana go gakolola Kgosi Mutemo Mbambo jaaka a ne a tlhongwa go nna moemela kgosi yo mogolwane wa Shakawe ka Laboraro.

Fa a tlhomamisa Kgosi Mbambo, mothusa motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Bringle Dithapo o ne a supa fa go tlhongwa ga ga Kgosi Mbambo go tla morago ga gore Tona wa Tsa Dikgaolo le Tlhabololo Magae a amogele kopo ya bone ya gore Kgosi Mbambo a tsholediwe maemo go thiba phatlha e e tlogetsweng ke Kgosi Kea Lempadi yo o tlogetseng tiro ka bogodi.

Fa a laya Kgosi Mbambo, Kgosi Maeze Maeze wa Seronga o ne a mo gakolola go ikanyega mo morafeng wa gagwe, a re a ele tlhoko gore morafe ga o mo gogele mo ditseleng tse di sa siamang jaaka semorafe le seplolotiki.

O ne gape a re go molemo go bo Kgosi Mbambo a bewa jalo a na le kitso ya go etelelela batho pele ka a sale a simolotse ka maemo a a kwa tlase a bogosi. 

Malomaagwe Kgosi Mbambo, Rre Samoka Thomas o ne a kgotlatsa setlogolo sa gagwe gore se bee dikeletso tsa morafe wa gagwe kwa pele ka dinako tsotlhe.

Rre Thomas o ne a re Kgosi Mbambo o itse fa tlotlo e tshwanetse ya simolola ka ene, ka jalo a mo gakolola go tlotla morafe wa gagwe a bo a re a seka a reetsa dikgang tse di buelwang ke morafe kwa thoko.

Fa a ntsha bogakolodi, Kgosi Lempadi o ne a gakolola Kgosi Mbambo fa a amule go le gontsi mo go ene ka bogosi ka ba berekile mmogo lebaka, ka jalo a re a dirise kitso eo.

Kgosi Lempadi o ne a re gore a atlege, Kgosi Mbambo a ikokobeletse morafe.

O ne gape a mo rotloetsa go ikanya Modimo a ba a mo kgothatsa gore a seka a lebala go dirisa thupa go otlhaya ba ba senang tsebe, a re thupa e aga motho.

E rile a amogela thomo, Kgosi Mbambo o ne a lebogela kemo-nokeng ya batho ba Okavango mo go tsa segosi le tse dingwe, a re o tswa kgakala le bone ka a simolotse e le kgosana ya tetanyo ka 2009 go fitlhelela ka 2020 e nna Moemela Kgosi.

Kgosi Mbambo o ne a ba kopa go tswelela ba mo eme nokeng, a re o itse fa kgosi e le thotobolo a amogela tse di molemo le tse di sa siamang, e bile a re morafe o seka wa tshaba go mo gakololola fa a dirile phoso.

Moemela Bogosi jwa Batawana yo mogolwane, Kgosi Oleyo Ledimo o ne a itsese banni ba Shakawe fa diphatlha tse pedi tsa kgosana  wa tetlanyo le moemela kgosi wa Shakawe di tlaa thijwa ntleng le ditlhopho.

Kgosi Ledimo o ne a kaya fa ba lemogile gore ditlhopho di leswafatsa bogosi ka di baka lefufa.

Ka jalo a re ba tlaa dira se se ka fa molaong ka molao wa bogosi o letla gore diphatlha tsa bogosi di ka thijwa ka go rerisa morafe ntleng le ditlhopho. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Shakawe

Event : Peo ya kgosi

Date : 14 Jul 2022