Breaking News

Go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang - kgosi

13 Jul 2022

Kgosi Tumelo Puleng wa Letlhakeng o akgoletse ba A.M. Daniels Ministries go bo ba abetse batlhoki, batlholagadi le ba-na-le bogole ba le makgolo mabedi dijo.

Kereke ya A.M. Daniels e ne ya aba raese e e neng e tswa kwa mokgatlhong wa Bitco Foundations, morogo o o neng o ajwa ke modulasetilo wa khansele- potlana ya Letlhakeng e bile e le mokhanselara wa Serinane/ Mantshwabisi, Rre Meshack Tshenyego le tse dingwe tse di neng di ntshiwa ke maloko.

Fa a amogela baeng ka Mosupologo, Kgosi Puleng o ne a supa fa kereke eo e dira se se bonwang ke mang le mang, ka jalo a rotloetsa botlhe go tsaya malebela le go tsenya letsogo mo go thuseng ba bangwe.

O tlhalositse fa kereke eo e thusa ka go fodisa batho le go aga ba ba duleng mo tseleng.

O ne gape a kopa ba ba abetsweng go lema merogo ka kwa mahure gore le bone ba kgone go abela ba bangwe ka jaana go le lesego letsogo le le abang go na le le le amogelang.

Moeteledipele wa kereke eo, Apostle Daniel Letshwenyo o ne a supa fa ba aba ka ntlha ya lerato la Modimo le le mo go bone e seng ka gore ba na le bokgoni.

Apostle Letshwenyo o ne a rotloetsa botlhe go thusa ba bangwe ka sepe fela se ba nang le sone, selo se a tlhalositseng e tlaa bo e le go segofatsa ba ba tlhokang.

O boletse fa go aba e le tsela nngwe ya go tlotla Modimo, ka jalo o ne a rotloetsa batho go abela mongwe le mongwe e seng ba ba ba itseng fela.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane mo kerekeng eo, Mme Molly Nagafela, o ne a supa fa go le botlhokwa go abela ba ba tlhokang ka jaana diemo tsa batho di farologana e bile bangwe ba sa kgone go ka itirela ka mabaka a diemo tse fa gongwe ba iphitlhelang ba le mo go tsone. 

O tlhalositse fa kereke ya bone e na le makalana kwa Sesung le Molepolole.

Mo go la gagwe, mogolwane go tswa kwa Bitco Foundations kwa Gaborone, Mme Naledi Lesaumako o tlhalositse fa ba sa dire dipoelo mme ba aba raese e ba e fiwang ke ba Tzu Chi Foundations go tswa kwa Taiwan.

Mme Lesaumako o tlhalositse fa raese eo e tlhatlhobilwe pele ga e tsisiwa mono, ka jalo a rurifatsa fa e babalesegile e bile e sa rekisiwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Letlhakeng

Event : Kabo dimpho

Date : 13 Jul 2022