Breaking News

Bonyana o ikgaratlhela ka tsa kalafi

13 Jul 2022

Molemi wa ditlhatsana tse di alafang wa Bonyana Farms kwa Khudumelapye o kaile di le mosola mo go tokafatseng botsogo le gone go dirisiwa mo go natefiseng dijo.

Dingwe tsa tsone di botlhokwa mo malwetseng a tshwana a madi a matona le sukiri, selo se se mo nonotshang go nna le keletso ya go atolosa kgwebo ya gagwe.  

Mme Bonyana Maseenyane, o lema ditlhatsana tse di alafang e le tsela nngwe ya go itshetsa.

Mo potsolotsong Mme Maseenyane a re o simolotse go lema ditlhatsana tseo morago ga dikgakololo tsa bagwebi ba lotso lwa seIndia kwa motseng wa bone.

A re o ne a tsaya dikgakololo tsia mme a simolola go lema ditlhatsana tseo, mme a nna le lorato mo go tsone ka jaana di ne di mo direla madi a a botoka.

Ntswa a simolotse a lema garlic, o ne a bona go tshwanela go kabakanya ka tse dingwe jaaka parsley, kgomodimetsing, leek, chamomile le ditlhatsana tse dingwe ka mefuta, go ya ka keletso ya bareki.

A re seo se ne sa mmaya mo tshiamelong ya go tlhaloganya gore ditlhatsana tseo di bereka jang, e bile di dira sentle fa go ntse jang.

Mme Maseenyane yoo dingwaga di 56, a re ga a ke a ipona tsapa go lema ditlhatsana tseo le ntswa go na le dikgwetlho.

“Mme o ne a tshabelelwa ke sukiri le madi a matona mme ditlhatsana tse di mo thusitse fela thata, e bile botsogo jwa gagwe bo tokafetse mo go itumedisang.”

A re ka jalo, ga a kitla a boela morago, maikaelelo e le go godisa kgwebo le go lema go le go gololwane gore a rekisetse Batswana ka bontsi, bogolo jang ka kgwebo e, e na le dipoelo tse di botoko.

Molemi yo, a re o setse a kile a etela diofisi tsa LEA go kopa dithuso koo, mme e ne ya re morago a kwadisa leina la kgwebo ya gagwe e le tsela ya go ithekisa botoka mo setshabeng. “Morago ga go kwadisa leina la kgwebo ke ne ka ya go ikopanya le ba Citizen Entrepreneurial Development Agency, mme ka ba lemotsha ka keletso ya me ya go godisa kgwebo, le go buisana ka tse ke senang natso mme ke tlaa di tlhoka.”

A re go tlhoka tshimo e a ka lemelang mo go yone le metsi a go nosetsa ke kgwetlho e e mmmusetsang kwa morago mme o ntse ka tsholofelo ya gore o tlaa bona thuso.

Dingwe tsa dikgwetlho tsa gagwe ke sepalamo sa go isa ditlhatsana tsa gagwe kwa setshabeng ka letsatsi la ipapatso jaaka ba Local Enterprise Authority ba mo rotloeditse.

Mme Maseenyane a re kgwetlho e nngwe ke ya go lwantsha diji.

A re o dira gotlhe go rurifatsa gore o fa dijalo tsa gagwe tlhokomelo e e nametsang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Khudumelapye

Event : Potsolotso

Date : 13 Jul 2022