Breaking News

Banni ba kopa ofisi ya dituelo tsa metsi

13 Jul 2022

Banni ba Werda Sub Cluster e e akaretsang metse ya Werda, Draaihoek, Kokotsha, Makopong le Bray ba kopile koporasi ya metsi go bula ofisi e ba ka kgonang go duelela metsi kwa go yone  mo Werda go araba selelo sa koporase sa disuga.

Banni ba re le fa ba tshwere madi, letlhoko la ofisi le ba paledisa go duela ka ba tshwanelwa ke go ya bokgakaleng jwa Tsabong, ka jalo ba palelwe ke go duela,  selo se se sa jeseng koporase diwelang, bogolo jang dikoloto tsa metsi a a mo malwapeng.

Ba buile jaana mo bokopanong jwa bone le ba koporase bosheng, jo maikaelelo a jone e neng e le go abelana maele, dikgakololo, go utlwa matshwenyego a bone le gone go tswa ka ditharabololo mabapi le ditirelo tsa koporasi eo.

Fa a buisa phuthego eo, moeteledipele wa koporase ya metsi kwa Tsabong, Rre Benjamin Baitshenyetsi o ne a tlhalosa fa puso e ba neetse boikarabelo jwa go siela setshaba metsi le go kgopha a a leswe mme ditiro tseo di ka kgonagala fela ka neelano, therisanyo le tirisanyo mmogo ya batsaya karolong botlhe.

O boletse fa mo Kgalagadi Borwa ba siela setshaba metsi go simologa kwa Kokotsha go ema kwa Struizendam, metse e e fetang masome a mabedi mme maitlamo le maikaelelo e le go tlhomamisa gore ba siela banni metsi ka fa go tshwanetseng ka teng.

Rre Baitshenyetsi o ne a supa fa maitlamo a ga Tautona a tlhomo ntsha a  rotloetsa gore ba fefose ditirelo tsa bone go thusa setshaba le go fetola ka fa ba ntseng ba akanya go dira dilo ka teng go thusa setshaba.

O ne a tlhalosa fa Werda Cluster e tlhaelelwa ke metsi ka mabaka a didiba tse di nang le metsi  a a sa lekaneng go siela setshaba jaaka Makopong, Draaihoek fa kwa Kokotsha didiba tse ba neng ba di epile di ne tsa seka tsa kgona go ntsha metsi mme mo nakong ya gompieno ba sielwa ka diteraka letsatsi le letsatsi.

A re ba epile didiba tse pedi kwa Werda tse di ntshang metsi a mantsi mme maikaelelo e le go a phatlalatsa le metse e mengwe e e tlhaelelwang ke metsi.

O ne a re koporase ka lenaneo la NDP 12 e ikaelela go aga mafaratlhatlha a go  tlaa tlhatswiwang metsi a a letswai teng le go oketsa didiba tse dingwe go araba selelo sa tlhaelo ya metsi mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa.

A re tiro e e tlaa lopa P60 million mme ba tlaa  dira jalo ka dikarolo.

O boletse fa maikaelelo e le go tshwaraganela phatlalatso ya metsi le morafe le balemi ka go kopa metsi mo go bone le gore bangwe ba thapiwe ka dikoloi tsa bone go siela banni metsi mo metseng e e amegang.

A re se ke tsela e nngwe ya go tlhabolola matshelo a bone ka jaana koporase ya metsi e tlhaelelwa ke dikoloi le didirisiwa.

Mogolwane go tswa mo koporaseng ya metsi, Rre Ontlametse Tlaang o ne a tlhalosetsa phuthego eo fa ba sa jesiwe diwelang ke dikoloto tsa metsi mo Kgalagdi Borwa tse di fetang P10 million di akaretsa metsi a a mo malwapeng, dikgwebo, puso le khansele.

A re se se bakilwe ke gore ka nako ya COVID-19 Batswana ba ne ba tshwanelwa ke go dirisa metsi e le tsela nngwe ya go kganela kanamo ya bolwetse, ka jalo Puso e ne ya tsaya tshwetso ya gore mongwe le mongwe a akole tiriso ya metsi le gore ba ba neng ba tswaletswe dipompo ba di bulelwe.

O ne gape a kopa banni go itsese ba koporase ya metsi ka diphaepe tse di thubegileng  ka seo gape ke sone se se bakang tlhaelo ya metsi mo kgaolong eo.

Rre Tlaang o boletse fa seo e le poelo morago mo ditirelong tse ba ikaelelang go di dira ka ba tlhaelelwa ke madi mme a kgothatsa banni go ititaya ka thupana go duela dikoloto tsa bone.

A re  ba ba kolotang madi a a kwa godimo ba ka itshwaraganya le koporase ya metsi go dumalana ka fa ba ka kgonang go duela ka teng ba dira jalo ka go duela ka maranyane kana kwa ofising ya dituelo kwa Tsabong.

O boletse fa mo nakong ya gompieno koporase ya metsi e na le thulaganyo ya gore ba latele dikoloto kwa metseng go tlhofofaletsa banni go duela go na le go duelela kwa Tsabong.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo go tswa kwa Kokotsha, Mme Naniki Basimane o ne a lebogela ba koporase ya metsi gore ntswa go na le tlhaelo e ntsi ya metsi kwa motseng oo, ba dira ka bojotlhe go tlhomamisa gore banni ba nna le metsi.

Go le pele fa a amogela batsena bokopano joo, Kgosi  France Estherhuizen wa Werda o ne a supa fa bokopano joo bo le botlhokwa ka jaana ba tlaa kgona go tlhaloganya ditirelo tsa koporase go ya pele le gone go tokafatsa ka fa ba ntseng ba dira ka teng morago ga dikgakololo, dingongorego tsa banni le gone go tiisa tirisanyommogo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Werda

Event : Werda

Date : 13 Jul 2022